DIANE 9

Botlhale le Bosilo

1 Botlhale bo agile ntlo ya jona, jwa emisa maotwana a yona a supa,

2 jwa tlhaba dikgomo tsa jona, jwa tlhakanya weine ya jona, jwa baakanya lomati lwa bojelo lwa jona,

3 jwa roma basetsana ba jona, ba laletsa ba le fa mobotong e e okameng motse ba re:

4 “Yo o sa tlhalefang, a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo bo mo raya bo re:

5 “Tlayang lo je dijo tsa me, lo nwe weine e ke e tlhakantseng!

6 Tlogelang bosilo gore lo phele; lo sepele mo tseleng ya tlhaloganyo.”

7 Yo o kgalemelang mosotli o iponna ditlhong fela; yo o bolelelang moikepi nnete o itshela sebala sa gagwe.

8 Se kgalemele mosotli, e se re gongwe a go tlhoa; kgalemela yo o botlhale, o tla go rata.

9 Naya yo o botlhale, o tla tlhalefela pele; ruta mosiami, o tla rutegela pele.

10 Tshimologo ya botlhale ke go boifaMorena; go itse Moitshepi ke yona tlhaloganyo.

11 Gonne malatsi a gago a tla ntsifala ka nna; o tla okelediwa dinyaga tsa bophelo ke nna.

12 Fa o le botlhale, o tla thusega ka jona; fa o sotlile o tla rwala molato o le wesi.

13 Mosadi yo o bidiwang Bosilo o a tlhodia, o a raela; ga a itse ditlhong.

14 O ntse fa mojakong wa ntlo ya gagwe mo sedulong kwa mebotong ya motse

15 gore a laletse ba ba fetang mo tseleng, ba ba tlhamaletseng mo ditselaneng tsa bone, a re:

16 “Yo o sa tlhalefang a a tle kwano!” Yo o se nang tlhaloganyo a mo raya a re:

17 “Metsi a a utswitsweng a monate; senkgwe sa sephiri se a natefa.”

18 Mme yo o sa tlhalefang ga a itse fa baswi ba le gona; fa ba ba laleditsweng ke ene Bosilo ba le kwa matennye a felo ga baswi.