Ditlhagiso tse dingwe
1 Ngwanaka, fa o ipofile wa re, ke tla lefa molato wa mongwe-ka-nna; fa o ipofile ka go neelana diatla le moeng,
2 fa o itlamile ka mafoko a molomo wa gago; fa o tshwerwe ka dipolelo tsa molomo wa gago,
3 dira jaana, ngwanaka gore o ikgolole, gonne o wetse mo diatleng tsa mongwe-ka-wena: Yaa o ikokobetse, o kokotlele mongwe-ka-wena thata!
4 Tima matlho a gago boroko, se dumelele dintshi tsa gago go otsela.
5 O falole jaaka phudufudu mo seatleng sa motsomi le jaaka nonyane mo seatleng sa mothaisi wa yona.
6 Motlapa, yaa kwa tshoswaneng, o bone mekgwa ya yona, o tlhalefe!
7 Le fa e se na kgosana le e seng mokwaledi gongwe molaodi,
8 e etleetsa dijo tsa yona selemo, e kgobokanya dijo tsa yona fa go kotulwa.
9 Wena setshwakga, o tla robala go fitlha leng? O tla tsoga leng mo borokong?
10 O a re: “Ke ya go robala go le gonnye, ke otsela go le gonnye, ke phutha diatla go le gonnye go ikhutsa.”
11 Mme khumanego ya gago e tla tla jaaka senokwane le lehuma la gago jaaka motlhabani.
12 Yo o tsamayang ka bolotsana jwa molomo ke motho yo o se nang mosola; ga se monna wa sepe.
13 O gwetlha ka matlho, a bontshe ka maoto, a supe ka menwana,
14 a loge maano a bolotsana mo pelong ya gagwe a a bosula ka metlha yotlhe, a lotlhanye batho.
15 Ene yoo tatlhego e tla mo wela ka tshoganyetso, o tla pšhwetlwa ka ponyo ya leitlho, go se na se se ka mo thusang.
16 Dilo di le thataroMorenao di tlhoile, tse supa ke maila mo go ene:
17 Ke matlho a boikgantsho
le loleme lwa maaka
le diatla tse di tshololang madi
a a se nang molato
18 le pelo e e logang maano
a bolotsana
le maoto a a itlhaganelelang
kwa bosuleng
19 le mosupi wa kako
yo o bolelang maaka
le yo o losang bana ba motho.
Tlhagiso ka ga boaka
20 Ngwanaka, boloka taolo ya ga rraago; se latlhe thuto ya ga mmaago.
21 Di golegelele mo pelong ya gago ka metlha, o di apare mo molaleng wa gago.
22 A di go pate, fa o tsamaya; di go sireletse, fa o robala; di bue nao, fa o thanya.
23 Gonne taolo ke lobone, thuto ke lesedi; dikgalemelo tsa thuto ke tsela ya bophelo
24 gore di go thibose mo mosading yo o bosula le mo boretheng jwa loleme lwa mosadi wa yo mongwe.
25 Se eletse bontle jwa gagwe ka pelo ya gago; le gona a a se ka a go gapa ka dintshi tsa matlho a gagwe.
26 Gonne mosadi wa seaka o humanegisa motho, mme mosadi wa monna yo mongwe o tsoma bophelo jo bo rategang.
27 A motho o ka lokela molelo mo kgwatlheng ya gagwe, diaparo tsa gagwe di sa šwe?
28 Gongwe a motho o ka gata magala, mme a se ka a šwa dinao?
29 Yo o tsenang kwa mosading wa mongwe-ka-ene o ntse jalo; mongwe le mongwe yo o mo amang ga a ka ke a falola mo petsong.
30 Legodu ga le nyatsege, fa le utswa gore le kgorise keletso ya lone, fa le bolawa ke tlala.
31 Fa le tshwarwa, le ka lefa gasupa; le ka ntsha dithoto tsotlhe tsa ntlo ya lone.
32 Mme yo o senyang nyalo le mosadi o sele o a tsenwa; go dira ene fela yo o ratang go itshenyetsa bophelo.
33 O tla kgwatha ka ditlhong; nyatsego ya gagwe ke e e sa phimolweng.
34 Gonne fa bogale jwa monna e le jwa lefufa,ga a kitla a rekegela ka letsatsi la pusoloso;
35 ga a nke a go itshwarela, le fa o ntsha tefa; ga a nke a diga pelo, le fa o ntsha dineo tse dintsi.