DIANE 3

Makau a kaelwa

1 Morwaaka, se lebale thuto ya me; a pelo ya gago e tshegetse ditaolo tsa me!

2 Gonne di tla go okeletsa bontsi jwa malatsi le dinyaga tsa bophelo le kagiso.

3 A lorato le boammaaruri di se go tlogele, di apare mo molaleng wa gago, o di kwale mo pelong ya gago jaaka mo letlapeng.

4 Foo o tla bona bopelonomi le botlhale jo bo molemo tse di kgatlhang Modimo le batho.

5 IkanyeMorenaka pelo yotlhe, mme o se ikaege ka tlhaloganyo ya gago.

6 Mo gopole mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ene o tla siamisa ditselana tsa gago.

7 Se ikae yo o botlhale ka wesi, mme o boifeMorena, o ile bosula.

8 Go dira jalo go tla fodisa mmele wa gago, go lapolosa marapo a gago.

9 TlotlaMorenaka dineo tsa khumo ya gago le tsa letlhafula la kotulo yotlhe ya gago.

10 Foo difala tsa gago di tla tlala letlotlo; digatelo tsa gago di tla tshologa matute a moweine.

11 Morwaaka, se nyatse kotlo yaMorena; le gona o se kgopisiwe ke kgalemelo ya gagwe.

12 GonneMorenao a tle a otle yo a mo ratang, jaaka rraagwe motho a betsa ngwana yo o mo kgatlhang.

13 Go tlhogonolo motho yo o bonyeng botlhale le monna yo o bonang tlhaloganyo.

14 Go bo bona go gaisa go bona selefera; go nna najo go phala gouta.

15 Bo na le tlhwatlhwa e kgolo bogolo go dibaga tsa korale. Dilo tse dintle tsotlhe ga di lekane najo.

16 Boleele jwa bophelo bo mo seatleng sa jona se se jang; mo go sa molema sa jona go na le khumo le tlotlo.

17 Ditsela tsa jona ke ditsela tse dintle; ditselana tsotlhe tsa jona ke tsa kagiso.

18 Botlhale ke setlhare sa bophelo mo go ba ba bo tshwereng; ba ba itshwarelelang ka jona ba tlhogonolo.

19 Morenao theile lefatshe ka botlhale; a tlhomamisa legodimo ka tlhaloganyo.

20 Ke ka kitso ya gagwe, fa madiba a tswela, fa maru a rothisa monyo.

21 Morwaaka, boloka kelelelo le kakanyo; a di se tloge mo matlhong a gago!

22 Tsona di tla phedisa mowa wa gago; tsona e tla nna mokgabo o montle mo molaleng wa gago.

23 Foo ò tla tsamaya mo tseleng ya gago ò iketlile; leoto la gago ga le ne le kgotšwa.

24 Fa o ya go robala ga o ka ke wa boifa. Fa o robetse, boroko jwa gago bo tla nna monate.

25 Ga o na go boifa poitshego ya tshoganyetso, le fa e le tatlhego ya baikepi, fa e tla.

26 Gonne keMorenayo ò mo ikanyang; o tla disa leoto la gago gore le se tshwarwe.

27 Se time ba ba tshwanetsweng ke tse di molemo, fa go le mo thateng ya gago go ba thusa.

28 Se ree mongwe-ka-wena o a re: “Tsamaya o tla boa! Ke tla se go naya kamoso!” etswe o na naso.

29 Se logele mongwe-ka-wena maano a a bosula a ntse a agile nao a go ikantse.

30 O se ka wa seka le motho kwa ntle ga lebaka, fa a sa go direla bosula bope!

31 Se fufegele monna yo o dirang ka tshiamololo, se itlhophele tsela epe ya ditsela tsa gagwe!

32 GonneMorenao tenwa ke yo o kgopo, mme o kopana le ba nnete.

33 Morenao rogaka ntlo ya moikepi, mme lelapa la basiami o a le tshegofatsa.

34 Ba e leng basotli o tla ba sotla; mme ba ba ikokobetsang o tla ba tlhomogela pelo.

35 Boswa jwa ba ba botlhale ke tlotlo, mme masilo a tla sala le ditlhong.