Kopo ya phemelo mo baikeping
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
2 Morena, nkgolole
mo bathong ba ba bosula;
o mpoloke mo banneng
ba ba bodipa,
3 ba ba akanyang dilo tse di bosula
mo pelong,
ba tsosa ntwa ka malatsi otlhe.
4 Ba itooditse diteme,
ba tshwana le dinoga;
botlhole jwa lebolobolo
bo mo maganong a bona. Sela.
5 Morena,
mpoloke mo diatleng tsa moikepi,
o mphemele mo banneng
ba ba bogwama,
ba ba ikaeletseng
go ntigela lengopeng.
6 Baikgantshi ba mphitlhetse
mutlwane le serai,
ba mpeetse letloa fa thoko ga tsela,
ba nthaisitse ka seru. Sela.
7 Ke buile leMorenaka re:
“O Modimo wa me.”
Morena, reetsa lentswe
la mekokotlelo ya me.
8 ModimoMorena,
wena thuso e e thata ya me,
ke wena yo o femelang
tlhogo ya me
ka letsatsi la tlhabano.
9 Morena, o se ka wa dirafatsa
dikeletso tsa moikepi;
a maano a o a logileng
a se kgonege,
ba ka tla ba ikgodisa. Sela.
10 Fa ba ka tsholetsa ditlhogo
tikologong ya me,
a tshenyo ya diteme tsa bona
e ba khurumetse.
11 AMorenaa nesetse magala
mo go bona,
a ba digele mo molelong,
mo bodibeng
gore ba se ka ba tlhola ba tsoga.
12 A monna wa puo e e bosula
a se ka a tlhomama mo lefatsheng;
monna yo o bodipa a tlalelo
e mo leleke gangwe le gape.
13 Ke a itse, faMorenaa tla emela
kgang ya motlalelwi
le tshiamelo ya mohumanegi.
14 Ruri, basiami ba tla leboga
leina la gago,
ba nnete ba tla aga fa pele ga gago.