Keresete o feta baengele kgakala
1 E rile Modimo o sena go bua gantsi le ka mekgwa e mentsi le borraetsho ka baporofeti mo metlheng ya bogologolo,
2 wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.
3 Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,
4 a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone.
5 Gonne ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re:
“O Morwaake,
ke go tsetse kajeno”?
Wa ba wa re:
“Ke tla nna rraagwe,
mme ene
o tla nna Morwaake”?
6 Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re:
“Baengele botlhe ba Modimo
ba tshwanetse go mo obamela.”
7 Fa e le ka ga baengele, o buile wa re:
“O dira baengele ba ona
diphefo le badiredi ba ona
dikgabo tsa molelo.”
8 Mme o raya Morwa o a re:
“Modimo, sedulo sa bogosi
sa gago ke sa bosakhutleng;
thobane ya bogosi jwa gago
ke thobane ya tshiamo.
9 O ne o rata tshiamo,
mme o tlhoa tshiamololo;
ke gona ka moo, Modimo,
Modimo wa gago
o go tloditseng lookwane
lwa boitumelo
go gaisa balekane ba gago.”
10 Gape wa re:
“Wena Morena, o theile
lefatshe mo tshimologong,
magodimo ke ditiro
tsa diatla tsa gago.
11 Tseo di tla nyelela,
mme wena o nnetse ruri,
mme tsona tsotlhe di tla onala
jaaka seaparo.
12 O tla di mena jaaka kobo,
jaaka seaparo,
di tla fetolwa, mme wena
o ntse o le yo o leng ene;
dinyaga tsa gago
ga di nke di khutla.”
13 Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re:
“Dula ka fa letsogong la me
le le jang,
ke tle ke tsamae ke dire
baba ba gago
sebeo sa dinao tsa gago”?
14 Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?