Go lebogela kgololo
1 Pesalome ya ga Dafita.
Ke tla go galaletsa
ka pelo yotlhe, ke go opelela pako
fa pele ga medimo.
2 Ke tla obamela ke lebile Tempele
e e Boitshepo ya gago,
ke galaletsa leina la gago
ka ntlha ya bopelontle jwa gago
le boikanyego jwa gago;
gonne o godisitse leina la gago
bogolo go tsotlhe.
3 O nkutlwile mo letsatsing
le ke go biditseng ka lone,
wa nnaya bopelokgale le thata
mo moweng.
4 Morena, dikgosi tsotlhe
tsa lefatshe di tla go galaletsa,
fa di utlwile mafoko
a molomo wa gago.
5 Di tla opela
ka ga ditsela tsaMorena,
ka kgalalelo yaMorenae le kgolo.
6 GonneMorenao godimo,
mme o leba yo o boikokobetso;
mme yo o ikgodisang
ena o mo itse a sa le kgakala.
7 Fa ke tsamaya
ke le mo pitlaganong,
ke wena yo o mphedisang;
kgakalo ya baba ba me
o e ntshetsa seatla,
mme letsogo le le jang la gago
le a nthusa.
8 Morenao tla di nkgonela.
Bopelontle jwa gago,Morena,
ga bo na bokhutlo;
se tlogele ditiro tsa diatla tsa gago!