Go rapelela Ntlo ya Modimo le ntlo ya ga Dafita
1 Sefela sa go ya Tempeleng.
Morena, gopola Dafita
le matshwenyego otlhe a gagwe,
2 yo o neng a ikanelaMorena,
a solofetsa Modimo o o thata
wa ga Jakobe a re:
3 “Ruri, ga nka ke ka tsena
mo ntlong ya me ya tente,
le fa e le go ya go lala mo phateng
e ke e aletsweng;
4 ga nka ke ka fa matlho a me
boroko,
le fa e le dintshi tsa me kotselo,
5 go ya ke be ke boneleMorena
bonno,
le Modimo o o thata wa ga Jakobe
meago.”
6 Bona, re utlwetse Letlole
kwa Eferatha,
ra le fitlhela mo nageng ya Jaare.
7 A re yeng kwa boagong jwa gagwe,
re obamele fa pele ga sebeo
sa dinao tsa gagwe.
8 Nanoga,Morena,
o ye kwa bonnong jwa gago
jwa boikhutso,
wena le Letlole la thata ya gago.
9 A baperesiti ba gago
ba apare tshiamo;
a baratiwa ba gago ba duduetse.
10 O se ka wa gana motlodiwa
wa gago ka ntlha ya ga Dafita,
motlhanka wa gago.
11 Morenao ikanetse Dafita
ka boammaaruri –
ga a kitla a bo tlhanogela – a re:
“Yo e leng wa leungo
la mmele wa gago
ke tla mmaya mo sedulong
sa bogosi sa gago.
12 Fa bomorwao ba ka tlhokomela
kgolagano ya me
le ditshupo tsa me
tse ke di ba rutang,
foo bomorwaa-bone
le bone ba tla nnela ruri
mo sedulong sa bogosi sa gago.”
13 GonneMorena
o itlhaoletse Sione,
a mo eletsa
gore e nne boago jwa gagwe a re:
14 “Fa ke gona felo ga me
ga boikhutso
go ya bosakhutleng;
fa ke gona fa ke tla agang teng;
gonne ke go eleditse.
15 Dijo tsa teng
ke tla di tshegofatsa segolo,
bahumanegi ba gona
ke ba kgorisa bogobe.
16 Baperesiti ba teng
ke tla ba apesa pholoso;
ba ba tlhomogetsweng pelo
ba gona ba tla duduetsa thata.
17 Foo ke tla tlhogisetsa Dafita
lonaka;
ke baakanyeditse motlodiwa wa me
lobone.
18 Ke tla apesa baba ba gagwe
ditlhong;
mme serwalo sa bogosi
se se mo go ene
se tla phatsima.”