Selelo sa motlalediwi
1 Sefela sa go ya Tempeleng.
Ke goela kwa go wena
Morena, ke le mo botennye.
2 Morena, utlwa lentswe la me;
a ditsebe tsa gago
di nne di tlhokomele
mekokotlelo e ke e tlhatlosang.
3 Morena, fa o ka lotolotsa melato,
Morena, go ka ema mang?
4 Mme boitshwarelo bo fa go wena
gore o tle o boifiwe.
5 Ke lebeletseMorena,
mowa wa me o lebeletse,
ke bile ke solofela lefoko la gagwe.
6 Mowa wa me o lebeletseMorena
go gaisa badisa,
fa ba lebeletse moso,
ee, go gaisa badisa,
fa ba lebeletse moso.
7 Iseraele, o lebeleleMorena;
gonne bopelotlhomogi
bo moMoreneng;
o na le kgololo e kgolo.
8 Ke ene yo o tla gololang Iseraele
mo ditshiamololong
tsotlhe tsa gagwe.