DIPESALOME 125

Phemelo ya Iseraele

1 Sefela sa go ya Tempeleng.

Ba ba ikanyangMorena,

ba tshwana le thaba ya Sione

e e sa reketleng,

e e tlhomameng ka bosakhutleng.

2 Jerusalema o dikanyeditswe

ke dithaba;

Morenao dikanyeditse

batho ba gagwe jalo

go tloga jaanong

le go ya bosakhutleng.

3 Gonne thobane

ya bogosi ya boikepo

ga e kitla e nna

mo kabelong ya basiami,

gore basiami ba se ka ba otlololela

diatla kwa bosuleng.

4 Morena, bona ba ba molemo

le ba ba dipelo tsa nnete

o ba direle molemo.

5 Mme ba ba fapogelang

mo ditseleng tse di kgopo tsa bona,

Morenao tla ba lesa

go ya tatlhegong

mmogo le ba ba dirang boikepo.

A kagiso e nne le Iseraele!