Loboko lwa go baka Jerusalema
1 Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Dafita.
E rile ba nthaya ba re:
“A re yeng kwa Ntlong
yaMorena!” ka itumela.
2 Dinao tsa rona di eme
mo dikgorong tsa gago,
Jerusalema.
3 Wena, Jerusalema,
yo o agilweng jaaka motse
o o kitlantsweng sentle,
4 kwa ditso di tlhatlogelang teng,
e bong ditso tsaMorena:
Ke molao wa Baiseraele
go baka leina laMorenateng.
5 Gonne ditulo tsa katlholo
di eme teng,
ditulo tsa ntlo ya ga Dafita.
6 Kopang kagiso ya Jerusalema;
a ba ba go ratang
ba phele ka iketlo.
7 A go nne kagiso mo kagong
ya phemelo ya lobota lwa gago,
le boiketlo mo matlong a gago
a borena.
8 Ke tla bua ka ntlha ya bana
ba ga rre le dilekane tsa me ke re:
“A kagiso e nne mo go wena!”
9 Ke tla go batlela se se molemo
ka ntlha ya Ntlo yaMorena,
Modimo wa rona.