Tsa maeto a phuthego
1 Thapelo ya go batla go femelwa mo basotling. Sefela sa go ya Tempeleng.
Ke goetseMoreneng,
ke le mo pitlaganong,
mme a nkutlwa.
2 Morena, nkgolola mo molomong
wa maaka,
mo lolemeng lwa tsietso.
3 O tla go nayang, a go okeletsa eng,
wena, loleme lwa tsietso?
4 Metsu e e bogale ya dinatla
e e nang le magala a mohudiri!
5 A tatlhego ya me wee,
ka ke jakile mo Mesege,
ka ke agile fa ditenteng tsa Ketare!
6 E setse e le sebaka
se se fetang selekanyo
ke ntse ke agile fa go bona
ba ba tlhoileng kagiso.
7 Nna ke wa kagiso, mme fa ke bua,
bona ba batla ntwa fela.