Sefela sa go lebogela kgololo
1 Morenake a mo rata,
gonne o utlwile lentswe
la me la mekokotlelo ya me.
2 E re ka a ntshekegetse tsebe,
ke tla nna ke mmitsa ka malatsi
otlhe a me.
3 Dikgole tsa loso
di ne di ntikanyeditse,
le ditlalelo tsa felo ga baswi
di ne di ntshwere,
ka fitlhela pitlagano le bohutsana.
4 Mme ke ne ka bitsa
leina laMorenaka re:
“Ao,Morena, swatola botshelo jwa me!”
5 Morenao boitshwarelo le tshiamo,
Modimo wa rona
o boutlwelo-botlhoko.
6 Morenao boloka
ba ba pelo di se nang maano.
Ke ne ke koafetse, mme a nthusa.
7 Mowa wa me,
boela kwa boikhutsong jwa gago;
gonneMorena
o go diretse molemo.
8 Ee, o nkgolotse mo losong
le matlho a me mo dikeleding
le dinao tsa me mo go kgotšweng.
9 Ke tla tsamaya fa pele
ga sefatlhego saMorena
mo lefatsheng la baphedi.
10 Ke ne ke ntse
ke dumela mo Modimong,
le fa ke ne ke re:
“Ke obegile thata.”
11 Ka bua ke tshogile ka re:
“Batho botlhe ke baaki.”
12 Nka lebogelaMorenaka eng
ditiro tsotlhe tse di molemo
tse a di ntiretseng?
13 Ke tla tsholetsa
senwelo sa phologo,
ke bitsa leina laMorena.
14 Maikano a me
ke tla a dirafaletsaMorena,
ee, fa pele ga morafe otlhe
wa gagwe.
15 Loso lwa baratwa baMorena
ke selo sa botlhokwa
mo matlhong a gagwe.
16 Ao,Morena,
kana ke motlhanka wa gago;
ke motlhanka wa gago,
morwa lelata la gago;
o funolotse dikgole tsa me.
17 Ke tla go tsisetsa
setlhabelo sa tebogo,
ke bitsa leina laMorena.
18 Maikano a me
ke tla a dirafaletsaMorena, ee,
fa pele ga morafe otlhe wa gagwe,
19 mo malapeng a Ntlo yaMorena,
mo teng ga gago, Jerusalema.
Haleluya!