Kgosi e e leng moperesiti
1 Pesalome ya ga Dafita.
Morenao ne a raya
Morena wa me a re:
“Dula fa letsogong la me le le jang
go ya ke be ke dire baba ba gago
sebeo sa dinao tsa gago.”
2 Thobane-ya-bogosi
ya thata ya gago,
Morenao tla e otlolola
a le mo go Sione a re:
“Busa mo gare ga baba ba gago.”
3 Ka letsatsi la pololo ya gago
batho ba gago ba tla tla
ka bopelotshweu,
ba apere mekgabo ya boitshepo.
Mophato wa makau o tla tla
kwa go wena,
jaaka monyo o tsalwa ke mahube.
4 Morenao ikanne –
mme ga a kitla a dirolola ikano –
a re:
“O Moperesiti ka bosakhutleng
ka fa mokgweng
wa ga Melegi-Seteke.”
5 Morena yo o fa letsogong le le jang
la gago
o tla thubakanya dikgosi
ka letsatsi la bogale jwa gagwe.
6 O tla atlhola mo ditšhabeng,
go tlala direpa,
a thubakanya tlhogo
e e okameng lefatshe le legolo.
7 O tla nwa mo nokaneng,
a le mo tseleng,
mme ka ntlha ya moo
o tla tsholetsa tlhogo.