Go ithapelela kgololo le go eleletsa baba petso
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.
Modimo o ke o bakang,
se didimale.
2 Gonne ba nkatlhamoloseditse
melomo ya boikepo le ya tsietso,
ba bua le nna ka diteme tsa maaka.
3 Ba ntikanyeditse ka mafoko
a letlhoo,
ba ntlhabantsha ka bomo.
4 Lorato lwa me ba lo duela
ka go ntlhabantsha,
etswe nna ke nnetse go rapela.
5 Ba ntebogile ka bosula
boemong jwa molemo,
le ka letlhoo
boemong jwa lorato lwa me.
6 Mo tsosetse moikepi go mo laola;
a yo o mo sekisang a eme
fa letsogong le le jang la gagwe.
7 Fa a sekisiwa,
a a tswe a bonywe molato;
a thapelo ya gagwe e fetoge boleo.
8 A malatsi a gagwe a ngotlege,
tirelo ya gagwe
e tsewe ke yo mongwe.
9 A bana ba gagwe ba nne masiela
le mosadi wa gagwe
a nne motlholagadi.
10 A bana ba gagwe
ba kgarakgatshegele kwa le kwa,
ba kope ba batle dijo,
ba le kgakala le matlotla a bona.
11 A yo o mo adimileng
a lalele tsotlhe tse o nang natso;
a baeng ba thukhuthe
tse a di fufuletseng.
12 A a se fitlhele ope yo o ka mo
tlhomogelang pelo ka gope;
a go se nne ope yo o utlwelang
masiela a gagwe botlhoko.
13 A bana ba gagwe ba nyelediwe,
a leina la gagwe le phimolelwe ruri,
e sa le mo losikeng lwa ntlha.
14 Molato wa borraagwe
a o gopolwe faMoreneng,
le boleo jwa ga mmaagwe
a bo se phimolwe.
15 A di nne fa pele gaMorena
ka gale gore a nyeletse
go gopolwa ga bona mo lefatsheng,
16 ka a se ka a gopola
go dira ka lorato,
mme a bogisa motho wa tlalelo
le wa khumanego,
le yo o kaeleletsweng
gore a mmolaele ruri.
17 O ne a rata khutso, a e mo wele;
o ne a sa rate tshegofatso,
a e nne kgakala nae!
18 O ne a apara khutso jaaka kobo,
a e tsene mo teng ga gagwe
jaaka metsi le mo marapong
a gagwe jaaka lookwane.
19 A e nne mo go ena jaaka seaparo
se a se aparang
le jaaka moitlamo
o a itlamang ka ona ka gale.
20 A tseo e nne tuelo ya baganetsi
ba me e e tswang moMoreneng,
le ya bona ba ba buang bosula
ka ga me.
21 Mme wena,Morena, Mongwaka,
ntirele ka ntlha ya leina la gago;
a e re ka bopelonomi jwa gago
bo le molemo, o nkgolole.
22 Gonne ke tlaletswe,
ke bile ke humanegile,
pelo ya me e tlhabilwe
mo teng ga me.
23 Ke ikela jaaka moriti
o o otlologang maitsiboa,
ke tlhotlhorilwe jaaka tsie.
24 Mangole a me a kgwetlhisiwa
ka go itima dijo,
nama ya me e otile,
ga e tlodiwe setlolo.
25 Ke bile ke dule yo o kgobiwang
ke bona;
e a re fa ba mpona,
ba thukhuthe ditlhogo.
26 A o ko o nthuse,Morena,
Modimo wa me.
A o ko o nkgolole
ka fa bopelonoming jwa gago
27 gore ba lemoge,
fa tseo e le letsogo la gago,
fa wena,Morena, o dirile jalo.
28 Bona ba ka hutsa,
mme wena o tshegofatse.
A ba ba ntsogetseng
ba tlhajwe ke ditlhong,
mme a motlhanka wa gago
a itumele.
29 A baganetsi ba me
ba apesiwe nyatsego,
a ba iphuthe ka ditlhong tsa bona
jaaka ka kobo.
30 Ke tla lebogaMorenagagolo
ka molomo wa me
ke tla mmoka
mo bontsing jwa batho.
31 Gonne o eme mo ntlheng
ya le le jang la mohumanegi
gore a mo golole
mo go ba ba mo atlholang.