DIPESALOME 108

Go baka Modimo le go kopa thuso

1 Sefela. Pesalome ya ga Dafita.

2 Modimo, pelo ya me e etleetsegile;

ke rata go opela le go letsa kwadi.

Thanya, mowa wa me!

3 Tsogang harepa le katara,

ke rata go tsosa mahube.

4 Morena,

nte ke go leboge mo merafeng,

ke go leletse mo ditšhabeng.

5 Gonne bopelontle jwa gago

bo bogolo go feta legodimo;

boammaaruri jwa gago

bo fitlha kwa marung.

6 Modimo, itlhatlosetse kwa godimo

ga magodimo;

a kgalalelo ya gago

e okame lefatshe lotlhe.

7 Thusa ka letsogo le le jang la gago,

o nkutlwe gore baratwa ba gago

ba pholosiwe.

8 Modimo o ne wa bua mo

Felong-ga-Boitshepo

ga ona wa re:

“Ke tla ipela,

ke kgaoganya Šegeme,

ke lekanya mokgatsha wa Sukothe.

9 Gileate ke wa me,

le Manase ke wa me;

Eferaime ke phemelo

ya tlhogo ya me;

Juta ke thobane ya me ya bogosi.

10 Moabe ke mogopo

o ke tlhapelang mo go ona;

setlhako sa me

ke se latlhela mo go Etomo,

ke tla dudueletsa Felesita.”

11 Ke mang yo o tla nkisang

kwa motseng o o thata?

Ke mang yo o tla nkgogelang

kwa Etomo?

12 A ga se wena,

Modimo o o re latlhileng?

Ee, Modimo,

ga o bolole le mephato ya rona.

13 Re direle thuso ya go phologa

mo mmabeng;

gonne thuso ya batho

ga se ya sepe.

14 Ka Modimo re tla dira

ditiro tsa bonatla,

mme ona o tla gataka baba ba rona.