Tebogo ya ba ba golotsweng
1 LebogangMorena,
gonne o molemo;
gonne bopelontle jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.
2 A ba ba golotsweng keMorena
ba bue jalo,
ba o ba golotseng
mo seatleng sa mopatiki,
3 a ba phutha kwa mafatsheng,
kwa botlhabatsatsi
le kwa bophirimatsatsi,
kwa bokone le kwa lewatleng.
4 Ba ba neng ba kgarakgatshega
kwa sekakeng mo gare ga naga,
ba sa bone tsela
e e yang kwa motseng
o ba ka agang mo go ona;
5 ba tshwerwe ke tlala le lenyora,
mewa ya bona e felelwa
mo teng ga bona,
6 mme ba goelaMoreneng,
ba le mo tlalelong,
mme a ba golola mo dipitlaganong
tsa bona,
7 a ba tsamaisa mo tseleng
e e leng yona
gore ba fitlhe mo motseng
o ba ka agang mo go ona:
8 Bona bao a ba lebogeleMorena
bopelotlhomogi jwa gagwe
le dikgakgamatso tsa gagwe
tse a di diretseng bana ba batho,
9 ka a kgalolositse mowa
o o nyorilweng,
a jesa mowa o o tshwerweng
ke tlala tse di molemo.
10 Ba ba neng ba dutse mo lefifing
le mo moriting wa loso
ba golegilwe ka tlalelo le tshipi,
11 ka ba ne ba rukhutlhegetse
mafoko a Modimo,
ba nyatsa kgakololo
ya Mogodimodimo;
12 ba o neng a kokobetsa
dipelo tsa bona ka tapisego,
ba kgopiwa go se na mothusi;
13 ya baa gona ba goelang
Moreneng, ba le mo tlalelong,
mme a ba golola
mo dipitlaganong tsa bona;
14 a ba ntsha mo lefifing
le mo moriting wa loso,
a kgaola dikgole tsa bona:
15 A bao ba lebogeleMorena
bopelotlhomogi jwa gagwe
le dikgakgamatso tsa gagwe
tse a di diretseng bana ba batho,
16 ka a thubile ditswalo tsa kgotlho,
a roba mephakarego ya tshipi.
17 Ba e neng e le masilo ka ntlha
ya tsamao ya bona mo ditlolong,
ba bogisiwa ka ntlha
ya melato ya bona,
18 mo ba neng ba tenwa
ke dijo tsotlhe,
ba le gaufi le go swa;
19 ya baa gona ba goelangMoreneng,
ba le mo tlalelong,
mme a ba golola
mo dipitlaganong tsa bona;
20 a romela lefoko la gagwe,
a ba fodisa,
a pholosa maphelo a bona
mo mabitleng:
21 A bao ba lebogeleMorena
bopelotlhomogi jwa gagwe
le dikgakgamatso tsa gagwe
tse a di diretseng bana ba batho;
22 a ba tsise ditlhabelo tsa tebogo,
ba bolele ditiro tsa gagwe
ka tuduetso.
23 Ba ba neng ba tsamaya
mo lewatleng ka dikepe,
ba bapala mo metsing a magolo,
24 ke bona ba ba bonyeng
ditiro tsaMorena
le dikgakgamatso tsa gagwe
mo botennye.
25 A laela, a fokisa phefo ya ledimo,
la gogomosa dintelo tsa lewatle.
26 Ba akgolelwa kwa godimo
le kwa tlase,
ba nyema moko mo tlalelong;
27 ba ne ba theekela,
ba kgokgweetsega jaaka letagwa,
ba felelwa ke maano otlhe.
28 Ba goelaMoreneng,
ba le mo tlalelong,
mme a ba golola mo dipitlaganong
tsa bona,
29 a kokobetsa ledimo,
la nna phefonyana fela,
makhubu a lewatle a kokobela;
30 mme ba itumelela
go kokobela ga ona,
mme a ba fitlhisa kwa
bogorogelong jwa dikepe
jo ba bo tlhologeletsweng:
31 A bao ba lebogeleMorena
bopelotlhomogi jwa gagwe
le dikgakgamatso tsa gagwe
tse a di diretseng bana ba batho;
32 a ba mo godise
mo phuthegong ya morafe,
ba mmoke mo pitsong ya bagolo.
33 Dinoka o di fetotse sekaka,
le metswedi ya metsi a e dira
naga e e omileng.
34 Lefatshe le le bogale
o le fetotse magalaopa
ka ntlha ya boikepo
jwa baagi ba lone.
35 Sekaka o se fetotse letsha la metsi,
le naga e e omileng
a e dira metswedi ya metsi.
36 Ba ba bolawang ke tlala
a ba baya teng,
mme ba aga motse
o ba ka nnang mo go ona.
37 Ba jwala masimo,
ba tlhoma ditlhare tsa moweine,
ba fula maungo, ba kotula.
38 Mme a ba tshegofatsa,
ba be ba ntsifala thata;
diruiwa tsa bona
a se ka a di fokotsa.
39 Ba boela ba fokotsega,
ba kokobediwa ke bokete
jwa botlhoko le khutsafalo.
40 Yo o goromeletsang nyatsego
mo batlotleging,
a ba kgarakgatsha sekakeng
mo go se nang tsela;
41 ene o ne a ntsha mohumanegi
mo tlalelong, a mo godisa,
a dira ditshika tse di tshwanang
le difutshane ka bontsi.
42 Moo go bona ba ba nang le nnete,
ba itumela;
boikepo jotlhe bo ithibile molomo.
43 Yo o botlhale ke mang?
A a tlhokomele dilo tse,
a ele ditiro tsa bopelotlhomogi
jwaMorenatlhoko.