Boikanyo jwa Modimo le boikanyologo jwa Baiseraele
1 Haleluya! Lebogang
Morena, gonne o molemo;
gonne bopelotlhomogi jwa gagwe
ke jo bo sa khutleng.
2 Ke mang yo o ka bolelang
ditiro tsa bonatla tsaMorena,
a utlwatsa poko ya gagwe yotlhe?
3 Go tlhogonolo
ba ba tlhokomelang molao,
ba ba dirang tse di siameng
ka metlha yotlhe.
4 Nkgopole,Morena,
ka o kgatlhwa ke morafe wa gago;
nketele ka thuso ya gago
5 gore ke jese matlho ka go leba
letlhogonolo
la baitlhaolelwi ba gago,
ke be ke thabele boitumelo
jwa setšhaba sa gago
le go belafala mmogo le boswa
jwa gago.
6 Re leofile mmogo le borraarona,
ra siamolola, ra ikepa.
7 Borraarona ba ne ba sa tlhokomele
dikgakgamatso tsa gago,
ba sa gopole bogolo
jwa bopelotlhomogi jwa gago,
mme ba rukhutlhegela
Mogodimodimo
kwa Lewatleng la Motlhaka.
8 Mme o ne a ba thusa
ka ntlha ya leina la gagwe
gore a supe bonatla jwa gagwe.
9 A kgalemela Lewatle la Motlhaka,
la ba la kgala;
a ba kgabagantsha merwalela
jaaka e kete ke sekaka.
10 A ba namolela mo seatleng
sa yo o ba tlhoileng,
a ba golola mo seatleng sa mmaba.
11 Metsi a khurumetsa
baganetsi ba bona,
ga se ka ga sala ope wa bona.
12 Ya baa gona ba dumelang
mafoko a gagwe,
ba opela pako ya gagwe.
13 Mme ba akofa ba lebala
ditiro tsa gagwe,
ba se ka ba letela taelo ya gagwe.
14 Ba tlala keletso mo sekakeng,
ba raela Modimo
kwa nageng e e senya.
15 Ke fa a ba naya
ka fa topong ya bona,
mme a tsenya tlhorego
mo meweng ya bona.
16 Ba ne ba fufegela Moše
mo bothibelelong le Arone,
moitshepi waMorena.
17 Lefatshe la atlhama,
la metsa Dathane,
la khurumetsa setlhopha
sa ga Abirame.
18 Ga tuka molelo
mo lekokong la bona,
kgabo ya fisa baikepi.
19 Ba ne ba dira namane kwa Horebe,
ba obamela setshwantsho
se se bopilweng.
20 Ba ananya Kgalalelo ya bona
ka setshwantsho sa kgomo
e e fulang bojang.
21 Ba lebala Modimo,
mopholosi wa bona
o o dirileng dilo tse dikgolo
kwa Egepeto,
22 tse di gakgamatsang
kwa lefatsheng la ga Hame
le tse di boitshegang
fa Lewatleng la Motlhaka.
23 Ke fa o re, o tla ba nyeletsa.
Mme go ka bo go dirafetse jalo,
fa Moše, moitlhaolelwi wa ona,
a ka bo a se ka a ba emela
fa pele ga ona,
a tima bogale jwa ona
gore o se ka wa ba senya.
24 Ba bile ba nyatsa lefatshe
le le eletsegang,
ba se ka ba dumela lefoko la ona;
25 ba ngongorega
mo metlaaganeng ya bona,
ba se ka ba utlwaMorena.
26 Ke fa a ba tsholeletsa letsogo,
a ikana gore o tla ba diga
mo sekakeng,
27 le go falaletsa losika lwa bona
kwa ditšhabeng
le go ba phatlalatsa
mo mafatsheng.
28 Ba ne ba ikgomaretsa
mo go Baale-Pheore,
ba ja tse di tlhabetsweng baswi,
29 ba gakatsaMorena
ka ditiro tsa bona,
mme ba welwa ke petso.
30 Ke fa Phinehase a nanoga,
a tsereganya,
mme petso ya khutlisiwa.
31 Ke sona se a kailweng mosiami
ka ntlha ya sona
mo ditshikeng tsotlhe go ya go ile.
32 Le gona ba mo gakatsa fa metsing
a Meriba,
Moše a ba a tlhagelwa ke molato
ka ntlha ya bona.
33 Gonne ba ne ba ganetsanya
le Mowa wa ona,
mo Moše a bileng a bua
ka molomo
se se sa mo tshwanelang.
34 Ga ba a ka ba nyeletsa merafe
eMorenaa e ba kaetseng.
35 Mme ba ne ba itlhakanya
le baheitane,
ba ithuta ditiro tsa bona.
36 Ba direla medimo ya bona
ya diseto e e tlogileng
ya nna serai mo go bona.
37 Ba tlhabela mewa e e bosula
bomorwaa-bone
le bomorwadia-bone.
38 Ba tsholola madi
a a se nang molato, –
madi a bomorwaa-bone
le bomorwadia-bone,
ba ba tlhabela medimo ya diseto
ya Bakanana; –
lefatshe la itshepololwa jalo
ka polao eo.
39 Ba ikgotlela ka ditiro tsa bona,
ba akafala ka go dira ga bona.
40 FooMorenaa tukela morafe
wa gagwe bogale,
a tenwa ke boswa jwa gagwe.
41 A ba neela mo diatleng
tsa merafe ya baheitane,
ba laolwa ke batlhoi ba bona.
42 Baba ba bona ba ba gatelela,
mme ba na le go ikoba
fa tlase ga diatla tsa bona.
43 O ne a ba thusa gantsi,
mme bona ba mo rukhutlhegela
ka maikaelelo a bona.
Ba nyelela jalo ka molato wa bona.
44 Le fa go ntse jalo
o ne a ba tlhokomela
mo pitlaganong ya bona,
ka a utlwa dilelo tsa bona.
45 A gopola kgolagano ya gagwe
ka ntlha ya bona,
a busa bogale,
ka a na le bopelontle jo bogolo.
46 A dira gore ba tlhomogelwe pelo
ke botlhe
ba ba ba isitseng botshwarong.
47 Re thuse,Morena,
Modimo wa rona,
o re phuthe,
o re golole mo baheitaneng
gore re bake leina la gago
le le boitshepo,
re ipoke ka go go tlotla.
48 A go bakweMorena,
Modimo wa Iseraele
go tswa bosenang-tshimologo
go ya bosakhutleng.
A morafe otlhe o re: “Amen!”
Haleluya!