Go baka Modimo ka ditiro tsa tlholego
1 BakaMorena, mowa wa me!
Morena, Modimo wa me,
o mogolo thata;
o apere kgalalelo le borena.
2 O ikapesa lesedi jaaka kobo,
o phutholola legodimo
jaaka lesela la tente.
3 O aga maago a gago a bogodimo
mo metsing,
o ntsha maru koloi ya gago,
o tsamaya ka diphuka tsa phefo.
4 O dira diphefo barongwi ba gago
le dikgabo tsa molelo
badiredi ba gago.
5 O beile lefatshe
mo metheong ya lone
gore le se ka la tshikinyega
ka motlha ope go ya bosakhutleng.
6 O no o le khurumeditse
ka morwalela jaaka ka seaparo,
metsi a ne a eme
godimo ga dithaba,
7 a tshaba kgalemo ya gago,
a thibogela lentswe la tumo
ya maru ya gago.
8 Dithaba tsa tlhatloga,
mekgatsha ya itshetlela;
metsi a ya kwa felong
fa o a laoletseng gona.
9 O beile molelwane
o a sa ka keng a o tlola
gore a se boe
a khurumetsa lefatshe gape.
10 O eledisa metsi a metswedi
mo melapong,
a ba a ela fa gare ga dithaba.
11 A nowa ke diphologolo tsotlhe
tsa naga,
dipitse tsa naga di itima lenyora.
12 Dinonyane tsa legodimo
di agile godimo ga ona,
di letsa melodi mo dikaleng.
13 O nosa dithaba metsi a a tswang
maagong a bogodimo a gago;
lefatshe le kgora maungo
a ditiro tsa gago.
14 O tlhogisetsa dikgomo bojang,
le motho dimela go mo thusa
le go ntsha dijo mo lefatsheng,
15 le weine
go itumedisa pelo ya motho,
le lookwane
go phatsimisa sefatlhego,
le senkgwe go tiisa pelo ya motho.
16 Ditlhare tsaMorenadi a kgora,
le mesetere ya Lebanone
e o e tlhomileng,
17 mo dinonyane
di agang dintlhaga teng;
le lekololwana sentlhaga sa lone
se mo ditlhareng tsa mesiperese.
18 Dithaba tse dikgolo
ke botshabelo jwa diphele;
jwa dipela ke mafika.
19 O dirile ngwedi
gore o supe dipaka;
letsatsi le itse go phirima ga lone.
20 Fa o tsisa lefifi, go nna bosigo,
diphedi tsotlhe tsa sekgwa
di tsamaya mo go jona.
21 Ditawana di dumela
se di ka se bolayang,
di batla dijo tsa tsona
mo Modimong.
22 Fa letsatsi le tlhaba, di a boa,
di ye go botha
mo dikutleng tsa tsona.
23 Motho a tswele kwa tirong
ya gagwe
le kwa matsapeng a gagwe
go ya maitsiboeng.
24 Ditiro tsa gago,Morena,
kana di methalethale jang!
O dirile tsotlhe ka botlhale;
lefatshe le tletse ditlhodiwa
tsa gago.
25 Fa e le lewatle le legolo,
le atlhametse ntlheng tsotlhe;
go saila diphedi mo go lone
tse di se nang palo,
diphedi tse dinnye le tse dikgolo.
26 Mekoro e tsamaya teng,
le leruarua le o le bopileng
gore le tshameke mo go lone.
27 Tsotlhe di lebeletse wena
gore o di fe dijo tsa tsona
ka nako ya teng.
28 Fa o di fa, di a sela;
fa o huporolola seatla,
di kgora tse di molemo;
29 fa o bipa sefatlhego, di a tshoga;
fa o tlosa mewa ya tsona, di a swa,
di boela loroleng lwa tsona;
30 fa o roma mowa wa gago,
di a tlholega;
o tlhabolola sefatlhego sa lefatshe.
31 A kgalalelo yaMorena
e nnele ruri;
aMorenaa itumelele
ditiro tsa gagwe,
32 ene yo e a reng a leba lefatshe,
le rorome;
e re a ama dithaba, di kue musi.
33 Ke tla opelelaMorena
fa ke sa phedile;
ke tla baka Modimo wa me
ke sa le yo.
34 A dikakanyo tsa me di o natefele;
nna ke tla itumela mo goMorena.
35 A baleofi ba nyelediwe
mo lefatsheng;
a baikepi ba se tlhole ba nna teng.
Mowa wa me, bakaMorena.
Haleluya!