DIPESALOME 103

Go lebogela Modimo boitshwarelo jwa ona

1 Pesalome ya ga Dafita.

BakaMorena, mowa wa me,

le tsotlhe tse di mo teng ga me,

bakang leina la gagwe

le le boitshepo!

2 BakaMorena, mowa wa me;

se lebale sepe sa ditiro

tse di molemo tsa gagwe!

3 O itshwarela maleo a gago otlhe,

o fodisa makoa a gago otlhe.

4 O golola bophelo jwa gago

mo tshenyegong,

o go rwesa bopelotlhomogi

le mautlwelo-botlhoko

mo tlhogong.

5 O go kgorisa tse di molemo

gore o busediwe bokaung

jaaka ntsu.

6 Morenao direla botlhe tshiamo

le katlholelo ba ba patikwang.

7 O ne a itsise Moše

ditsela tsa gagwe

le Baiseraele ditiro tsa gagwe.

8 Morenao kutlwelo-botlhoko

le boitshwarelo;

o bopelotelele,

o bopelontle jo bogolo.

9 Ga a nke a nna bogale ka metlha,

le e seng go galefela ruri.

10 Ga a re direla

ka fa maleong a rona,

le e seng go re busolosa

ka fa ditshiamololong tsa rona.

11 Gonne bopelotlhomogi jwa gagwe

bo bogolo mo go ba ba mmoifang

jaaka legodimo le okame lefatshe.

12 O tlosetsa ditlolo tsa rona kgakala,

jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala

le bophirimatsatsi.

13 Morena

o utlwela ba ba mmoifang botlhoko,

jaaka rra-bana a utlwela

bana ba gagwe botlhoko.

14 Gonne ena o itse popego ya rona,

o gopola, fa re le lorole.

15 Motho ena, malatsi a gagwe

a tshwana le bojang;

o thunya jaaka sethunya sa naga.

16 Fa phefo e se fokile, ga se yo,

mme felo ga sona

ga go tlhole go se itse.

17 Mme bopelotlhomogi jwaMorena

bo mo go bona ba ba mmoifang,

go tswa bosenang-tshimologo

go ya bosakhutleng,

le tshiamo ya gagwe

mo baneng ba bana,

18 e leng ba ba bolokang

kgolagano ya gagwe,

ba ba gakologelwang

ditaelo tsa gagwe

gore ba di dirise.

19 Morenao tlhomamisitse

sedulo sa bogosi sa gagwe

kwa magodimong;

bogosi jwa gagwe

bo busa ntlheng tsotlhe.

20 BakangMorena,

lona baengele ba gagwe,

lona dinatla tse di thata,

ba lo dirafatsang lefoko la gagwe

ka go utlwa lentswe la lefoko

la gagwe.

21 BakangMorena,

lona masomosomo otlhe a gagwe,

lona badiredi ba gagwe,

ba lo dirang

ka fa thatong ya gagwe.

22 BakangMorena,

lona ditiro tsotlhe tsa gagwe

mo mafelong otlhe

a puso ya gagwe;

bakaMorena, wena mowa wa me!