Morena ke kgosi e e busang gotlhe
1 Morenake kgosi!
A merafe e rorome.
O ntse godimo ga boKerubime,
a lefatshe le tshikinyege.
2 Morenao mogolo mo Sione,
o okame merafe yotlhe.
3 A ba bake leina la gago le legolo
la poitshego!
Ke le le boitshepo.
4 A ba bake le thata ya kgosi
e e ratang tshiamo.
Ke wena yo o tlhomamisitseng
tse di tshwanetseng;
tshiamo le molao o di dirisitse
mo Jakobe.
5 GodisangMorena,
Modimo wa rona,
lo ikobele fa pele ga sebeo
sa dinao tsa gagwe;
gonne ene o boitshepo.
6 Moše le Arone e ne e le bangwe
ba baperesiti ba gagwe,
Samuele e le wa ba ba bitsang
leina la gagwe.
Ba ne ba goelaMoreneng,
mme a ba utlwa.
7 O ne a bua nabo,
a le mo pinagareng ya leru;
ba ne ba boloka ditshupo tsa gagwe
le molao o a neng a o ba neile.
8 WenaMorena, Modimo wa rona,
o ba utlwile;
o ne o le Modimo o o boitshwarelo
mo go bona,
mme o busolosa
ka fa ditirong tsa bona.
9 GodisangMorena,
Modimo wa rona,
lo ikobele fa pele ga thaba
ya gagwe e e boitshepo;
gonneMorena, Modimo wa rona,
o boitshepo.