Go busa Morena
1 Morenake kgosi;
a lefatshe le duduetse;
a ditlhakatlhake tse dintsi
di itumele.
2 Maru le lefifi di mo dikanyeditse;
tshiamo le molao ke mothao
wa sedulo sa gagwe sa bogosi.
3 Molelo o mo eteletse pele;
o nyeletsa baba ba gagwe
tikologong.
4 Dikgadima tsa gagwe
di bonesa lefatshe;
lefatshe le a di bona,
e bile le a roroma.
5 Dithaba di gakologa
fa pele gaMorena
jaaka mmotu wa dinotshe,
fa pele ga Morena
wa lefatshe lotlhe.
6 Magodimo a bolela tshiamo
ya gagwe
le batho botlhe
ba bona kgalalelo ya gagwe.
7 A ba tlhajwe ke ditlhong botlhe
ba ba direlang ditshwantsho,
ba ba ipokang ka medimo
e e seng yona.
Medimo yotlhe e a mo obamela.
8 Sione o a utlwa, o a itumela;
bomorwadia Juta ba ipelela
dikatlholo tsa gago,Morena.
9 Gonne wenaMorena
o Mogodimodimo
yo o okameng lefatshe lotlhe;
o mogolo bogolo go medimo
yotlhe.
10 Ba lo ratangMorena,
tlhoang bosula;
o boloka mewa ya badumedi
ba gagwe,
o ba pholosa
mo diatleng tsa baikepi.
11 Lesedi le tlhabetse mosiami,
le boitumelo bo bonaletse
ba ba dipelo di thokgameng.
12 Lona basiami,
itumelelengMorena,
lo bake leina la gagwe
le le boitshepo.