Modimo ke kgosi go ya bosakhutleng
1 Morenake kgosi,
o apere borena.
Morenao apere,
o itlamile ka bonatla.
Lefatshe le lone o le thaile
gore le se ka la tshikinyega.
2 Sedulo sa gago sa bogosi se sa le
se tlhomama bogologolo tala.
Wena o ntse o le teng
ka bosenatshimologo.
3 Morena, dinoka di tsholeditse,
dinoka di tsholeditse
kgwaso ya tsona;
dinoka di tsholetsa
mosumo wa tsona.
4 Morenamo bogodimong
o thata go gaisa kgwaso
ya metsi a magolo
le dintelo tse dikgolo tsa lewatle.
5 Ditshupo tsa gago
di ikanyega gotlhe;
Ntlo ya gago,Morena,
e tshwanetswe ke boitshepo
ka metlha yotlhe.