Mo phemelong ya Mogodimodimo
1 Yo o ntseng mo tshireletsong
ya Mogodimodimo,
yo o leng mo moriting
wa Mothatayotlhe,
2 o tla rayaMorenaa re:
“O botshabelo jwa me
le kago ya phemelo ya me;
o Modimo wa me
o ke o ikanyang.”
3 Gonne ke ena yo o tla go gololang
mo serung sa mothaisa-nonyane
le mo leroborobong
le le bolayang.
4 O tla go sireletsa
ka diphuka tsa gagwe,
ò femelega fa tlase ga tsona;
boammaaruri jwa gagwe
ke thebe le phemelo.
5 Ga o na go boifa
poitshego ya bosigo,
le e seng motsu
o o fofang motshegare,
6 le e seng leroborobo
le le tsamayang mo lefifing,
le e seng kgogodi e e bolayang
motshegare wa selebalo.
7 Le fa go ka wa ba le sekete
ka fa lotlhakoreng lwa gago,
gongwe ba le dikete
di le some
ka fa letsogong le le jang la gago,
wena ga go nke go go ama.
8 O tla leba ka matlho fela,
o bona baikepi ba bolawa
ke se ba se jeleng.
9 Gonne o rile: “WenaMorena
o botshabelo jwa me.”
O dirile Mogodimodimo
phemelo ya gago.
10 Ga o nke o welwa ke bosula bope,
le boago jwa gago ga bo nke
bo atamelwa ke sebetso.
11 Gonne o tla go laelela baengele
ba gagwe gore ba go boloke
mo ditseleng tsotlhe tsa gago.
12 Ba tla go kuka ka diatla
gore dinao tsa gago
di se kgopiwe ke lentswe.
13 O tla gata tau le lebolobolo,
o gataka ledumedi le kgogela.
14 Ke tla mo pholosa,
ka a nkgomaretse ka lorato,
ke tla mo sireletsa,
gonne o itse leina la me.
15 E tla re a mpitsa, ke mo utlwe,
ke nne nae mo tlalelong;
ke tla mo namola, ke mo tlotla.
16 Ke tla mo kgorisa bophelo
jo boleele,
ke mmontsha pholoso ya me.