Bosengsepe jwa motho
1 Thapelo ya ga Moše, monna wa Modimo.
Morena, o ntse o le botshabelo
jwa rona mo ditshikatshikeng.
2 Pele dithaba di ise di tsalwe,
o ise o tlhole lefatshe le lebopo,
wena o ntse o le Modimo
go tswa bosenang-tshimologo
go ya bosakhutleng.
3 O busetsa batho loroleng lwa mmu
wa re: “Boang, bana ba batho.”
4 Gonne dinyaga di le sekete,
mo matlhong a gago
di tshwana le letsatsi le le fetileng
la maabane,
di tshwana le tiso ya bosigo.
5 O ba gogotse jaaka ka morwalela;
ba ntse jaaka ba robetse.
Mo mosong ba nne jaaka bojang
jo bo tlhogang,
6 jo bo thunyang mo mosong,
bo gole,
mme maitsiboa bo segwe,
bo omelele.
7 Gonne re nyelela
ka bogale jwa gago,
re fediwa ka tshoganyetso
ka kgakalo ya gago.
8 O beile melato ya rona
fa pele ga gago,
le maleo a rona a a fitlhegileng
o a beile mo leseding la sefatlhego
sa gago.
9 Gonne malatsi a rona otlhe
a fetisiwa ke bogale jwa gago,
dinyaga tsa rona
di feta jaaka kgopolo.
10 Bophelo jwa rona ke dinyaga
di le masome a a supang,
mme fa thata e le teng,
bo ka nna dinyaga tse di masome
a robedi;
mme se segolo sa tsona
ke tapisego le tshwenyego;
gonne bo feta ka bonako,
mme re fofela koo.
11 Ke mang yo o lemogang bogolo
jwa bogale jwa gago,
le kgakalo ya gago,
ka fa poitshegong ya gago?
12 Re rute go bala malatsi a rona
gore re tle re tlhalefe mo dipelong.
13 Boa,Morena!
Go tla nna goleele go le kae?
O utlwele batlhanka ba gago
botlhoko.
14 Re kgorise ka bopelotlhomogi
jwa gago
e sa le ka moso,
mme re tla duduetsa,
re itumela ka malatsi otlhe a rona.
15 Re fe boitumelo ka malatsi
a a kana ka
a o re watlhaileng ka ona
le ka dinyaga tse di kana
ka tse re bonyeng botlhoko
mo go tsona.
16 A tiro ya gago e bonalele batlhanka
ba gago,
le kgalalelo ya gago bana ba bona.
17 A botsalano jwa Morena,
Modimo wa rona, bo re okame.
Tsweletsa tiro ya diatla tsa rona,
ee, tiro ya diatla tsa rona
o e tsweletse.