Ditshegofatso tse, Modimo o di solofeditse Dafita
1 Sefela sa thuto sa ga Ethane, oora Esera.
2 Ke tla opela bopelotlhomogi
jwaMorenaka bosakhutleng;
ke tla itsise losika longwe le longwe
boikanyo jwa gago
ka molomo wa me.
3 Gonne o rile:
“Bopelontle bo tla tlhomama
ka bosakhutleng;
boikanyo jwa me
ke bo thaile kwa legodimong.
4 Ke dirile kgolagano
le moitlhaolelwi wa me,
ke ikanetse Dafita,
motlhanka wa me, ka re:
5 ‘Ke tla tlhomamisa losika lwa gago
go ya kwa go sa khutleng,
ke agela ditshika tsotlhe
sedulo sa gago sa bogosi.’ ” Sela.
6 Magodimo a tla boka
kgakgamatso ya gago,
Morena, le boikanyo jwa gago
bo bakwa
mo phuthegong ya baitshepi.
7 Gonne ke mang yo o lekanang
leMorenakwa marung,
yo o tshwanang leMorena
mo go bomorwa Modimo?
8 Modimo o boifega
mo kopanong ya baitshepi;
o mogolo, o bile o boitshega
go feta botlhe
ba ba o dikanyeditseng.
9 Morena,
Modimo wa masomosomo,
ke mang yo o tshwanang nao?
Morena, o thata,
boikanyo jwa gago
bo mo tikologong ya gago.
10 Wena o laola
boikgogomoso jwa lewatle;
e re fa makhubu a lone
a tsholetsega,
wena o a didimatse.
11 O tšhwetlakantse Rahabe
jaaka yo o tlhabilweng;
o phatlaladitse baba ba gago
ka letsogo le le thata la gago.
12 Magodimo ke a gago
le lefatshe ke la gago;
lefatshe le tse di tletseng mo go lone
wena o di thaile tsotlhe.
13 Bokone le borwa o di tlhodile;
Thabore le Heremone
di dudueletsa leina la gago.
14 O na le letsogo la bonatla,
seatla sa gago se thata,
letsogo le le jang la gago
le tsholetsegile.
15 Tshiamo le molao ke motheo
wa sedulo sa gago sa bogosi;
bopelonomi le boammaaruri
di etelela sefatlhego sa gago pele.
16 Go sego morafe
o o itseng go duduetsa,
o o tsamayang mo leseding
la sefatlhego sa gago,Morena.
17 Ba ipelela leina la gago ka metlha,
ba godisiwa ka tshiamo ya gago.
18 Gonne wena
o mokgabo wa thata ya bona,
o tsholetsa lonaka lwa rona
ka bopelonomi jwa gago.
19 Gonne thebe ya rona
ke yaMorena,
kgosi ya rona
ke ya Moitshepi wa Iseraele.
20 Ka motlha oo, o ne wa bua
le baitshepi ba gago ka pono wa re:
“Ke neetse mogale thuso,
ke godisitse yo o tlhaotsweng
mo morafeng.
21 Ke bonye Dafita,
motlhanka wa me,
ka mo tlotsa lookwane lwa me
lo lo boitshepo,
22 yo seatla sa me
se tla nnang le ena ka gale,
yo letsogo la me le tla mo tiisang.
23 Mmaba ga a ka ke a mo tlhasela,
le e seng rra-bosula go mo patika.
24 Ke tla remaganya baganetsi
ba gagwe fa pele ga gagwe,
ke bolaya ba ba mo tlhoileng.
25 Mme boikanyo jwa me
le bopelonomi jwa me
di tla nna nae,
lonaka lwa gagwe
lo tla tsholetsegela godimo
ka leina la me.
26 Ke baya seatla sa gagwe
mo lewatleng,
le letsogo la gagwe le le jang
mo dinokeng.
27 O tla nthaya a re:
‘Wena o rre, o Modimo wa me,
o lefika la thuso ya me.’
28 Le gona ke tla mo dira
motsalwapele le yo mogolo
mo dikgosing tsa lefatshe.
29 Ke tla mmolokela bopelotlhomogi
jwa me ka bosakhutleng,
mme kgolagano ya me
e tla mo tlhomamela.
30 Ke tla dira gore losika lwa gagwe
e nne lo lo sa khutleng,
le sebaka sa sedulo sa gagwe
sa bogosi
se lekane le malatsi a legodimo.
31 Mme e tla re fa bomorwawe
ba tlogela molao wa me,
ba sa tsamae
mo go tse di ntshiametseng,
32 fa ba itshepolola ditaelo tsa me,
ba sa tlhokomele ditao tsa me,
33 ke ba beletse ditlolo tsa bona
ka thupa
le melato ya bona ka dipetso.
34 Le fa go ntse jalo
bopelotlhomogi jwa me
ga nkitla ke bo tlosa mo go ene,
le e seng go mo senyetsa
boikanyo jwa me.
35 Ga nke ke itshepolola
kgolagano ya me,
le e seng go fetola
se se duleng mo molomong wa me.
36 Ke ikanne gangwe fela
ka boitshepo jwa me
– ga ke ne ke aketsa Dafita! –
37 Ka re: ‘Losika lwa gagwe
lo tla nnela ruri,
le sedulo sa gagwe sa bogosi
jaaka letsatsi fa pele ga me.
38 O tla tlhomama ka bosakhutleng
jaaka ngwedi.
Kana mosupi yo o mo legodimong
o boikanyo.’ ” Sela.
39 Mme wena o latlhile
motlodiwa wa gago,
wa mo nyatsa, wa mo galefela.
40 O sentse kgolagano
e o e dirileng le motlhanka wa gago,
wa itshepolola serwalo sa gagwe
sa bogosi
ka go se latlhela fa fatshe.
41 O thubile dipota tsotlhe tsa gagwe,
dikago tsa phemelo tsa gagwe
wa di ntsha marope.
42 Botlhe ba ba neng ba feta ka tsela
ba ne ba mo thukhutha dilo,
a sotlega mo go ba ba agileng nae.
43 O godisitse mabogo a a jang
a baganetsi ba gagwe,
wa itumedisa baba botlhe
ba gagwe.
44 O titinne bogale
jwa tšhaka ya gagwe,
wa se ka wa mo natlafatsa
mo tlhabanong.
45 O fifaditse kgalalelo ya gagwe,
wa digela sedulo sa gagwe
sa bogosi fa fatshe.
46 O khutshwafaditse malatsi
a bokau jwa gagwe,
wa mo jesa ditlhong. Sela.
47 Morena,
o tla iphitlha goleele go le kae?
A bogale jwa gago
bo tla tuka jaaka molelo?
48 Gopola tlhe gore bophelo ke eng?
A batho botlhe o ba bopetse
lefela?
49 Motho ke mang yo o ka phelang,
a sa bone loso,
mme a golola mowa wa gagwe
mo thateng ya felo ga baswi? Sela.
50 Morena, mapelotlhomogi a gago
a pele a kae,
a o ikanetseng Dafita
ka fa boikanyong jwa gago?
51 Morena, gopola tshotlego
ya badiredi ba gago
e ke e rweleng ka sehuba sa me
e tswa merafeng yotlhe e megolo,
52 e baba ba gago,
Morena, ba sotlileng ka yona,
e ba sotlileng dikgato
tsa motlodiwa wa gago ka yona.
53 AMorenaa bakwe
ka bosakhutleng.
Amen, ee, a go nne jalo!