DIPESALOME 88

Selelo sa motlhoboga-thuso

1 Sefela. Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Bolwetse”. Sefela sa thuto sa ga Hemane, oora Esera.

2 Morena, Modimo wa thuso ya me,

ke goela go wena

bosigo le motshegare.

3 A thapelo ya me

e fitlhe fa go wena;

sekegela selelo sa me tsebe.

4 Gonne pelo ya me

e tennwe ke dipogo;

bophelo jwa me

bo atametse felo ga baswi.

5 Ke setse ke balelwa

le ba ba fologelang mo lebitleng,

ke tshwana le monna

yo o se nang thata.

6 Ke laditswe le baswi,

jaaka ba ba bolailweng

ba letse mo diphupung,

ba o sa tlholeng o ba gopola,

ka ba kgaogantswe

le letsogo la gago.

7 O mpeile kwa tlasetlase moleteng,

mo mafifing, mo matennye.

8 Bogale jwa gago bo nkimetse,

o nkgateletse

ka merwalela ya gago yotlhe. Sela.

9 Ba ke itsanyeng sentle nabo

o ba tlositse fa go nna;

o ntirile seila sa bona;

ke tswaletswe,

ke palelwa ke go tswela kwa ntle.

10 Leitlho la me le felelela ka pogo.

Ke ntse ke go bitsa.

Morena,

ka letsatsi lengwe le lengwe

ke go tsholeletsa mabogo.

11 A o tla dira dikgakgamatso

mo baswing;

gongwe ba ba suleng

a ba tla tsoga ba go baka? Sela.

12 A bopelothomogi jwa gago

bo ka bolelwa mo phupung,

gongwe boikanyego jwa gago

kwa Felong ga baswi?

13 Dikgakgamatso tsa gago

a di ka itsege mo lefifing,

gongwe tshiamo ya gago

mo lefatsheng la tebalo?

14 Mme nna,Morena,

ke goela go wena,

thapelo ya me e tla go wena,

e sa le moso.

15 Morena,

o latlhelang mowa wa me,

o mphitlhelelang

sefatlhego sa gago.

16 Ke tlaletswe, ke wa go swa

go tswa bokaung jwa me;

ke rwele dipoitshego tsa gago,

ke batla go tlhoboga.

17 Bogale jwa gago bo nkwetse;

dipoitshego tsa gago di nnyeleditse;

18 di ntikanyeditse

jaaka metsi letsatsi lotlhe,

di ntikile gotlhegotlhe.

19 O tlositse moratiwa

le tsala fa go nna,

lefifi ke lone tsala ya me.