Jerusalema ke mmamerafe
1 Pesalome ya boora Kora. Sefela.
Metheo e e mo dithabeng
tse di boitshepo,
Morenao a e rata.
2 O rata dikgoro tsa Sione
bogolo go maago otlhe a ga Jakobe.
3 Dilo tse di galalelang
di bolelwa ka ga gago,
wena motse wa Modimo. Sela.
4 Ke umaka Rahabele Babele
mo go ba ba nkitseng;
le Felesita le Tiro
mmogo le Khuše
ke re: “Ba, ba tsaletswe teng.”
5 Ka ga Sione go tla twe:
“Mongwe le mongwe
o tsaletswe teng.”
Mme motse oo, Mogodimodimo o
a o tlhomamisa.
6 Morenao tla bala,
fa a kwala ditšhaba, a re:
“Yo, o tsaletswe teng.” Sela.
7 Bona ba ba binang pina
le ba ba opelang ba re:
“Metswedi yotlhe ya me
e mo go wena.”