DIPESALOME 85

Pholoso e atametse

1 Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi.

2 Morena, o utlwetse

lefatshe la gago botlhoko,

wa fetola tatlhego ya Jakobe.

3 O itshwaretse molato

wa morafe wa gago,

wa bipa maleo otlhe a bona. Sela.

4 O tlositse kgakalo yotlhe ya gago,

wa boa mo bogaleng jwa gago

jo bo tukang.

5 Re tlhabolole,

Modimo wa pholoso ya rona,

o khutlise kgakalo ya gago

mo go rona.

6 A o tla re galefela

ka bosakhutleng,

a bogale jwa gago

o tla bo tsweletsa pele

go ya tshikatshikeng?

7 A ga o kitla o re phedisa gape

gore batho ba gago

ba go itumelele?

8 Re bontshe bopelotlhomogi

jwa gago,Morena,

o re nee pholoso ya gago.

9 Ke rata go utlwa seMorena,

Modimo, o tla se buang;

gonne batho ba ona,

e bong baratiwa ba ona,

ruri, o tla bua nabo tsa kagiso.

Fela a ba se boele gape

kwa bosilong.

10 Kana pholoso ya ona

e gaufi le ba ba o boifang

gore kgalalelo e age

mo lefatsheng la rona.

11 Bopelontle le boammaaruri

di a kgatlhana;

tshiamo le kagiso di a atlana.

12 Boammaaruri

bo tlhoga mo lefatsheng;

tshiamo e lebile kwa tlase

e le kwa legodimong.

13 Le gonaMorenao tla naya

se se molemo,

lefatshe la rona

le tla ntsha leungo la lone.

14 Tshiamo e mo eteletse pele,

e tlhokometse tsela

ya dikgato tsa gagwe.