Baba ba ntlheng tsotlhe
1 Sefela. Pesalome ya ga Asafe.
2 Modimo, se tlhokomologe,
se didimale,
se nne fela, Modimo!
3 Gonne, bona,
baba ba gago ba a feretlha;
ba ba go tlhoileng
ba tsholetsa ditlhogo.
4 Ba logela batho ba gago
maano a bolotsana,
ba gakololana
ka ga ba o ba sireletsang.
5 Ba re: “Tlayang, a re ba nyeletseng
gore ba se tlhole ba nna morafe
le gore leina la Iseraele
le se tlhole le gopolwa.”
6 Ba gakololanye
ka bongwefela jwa pelo,
ba go ikgolaganyetsa:
7 E bong ba ditente tsa Etomo
le Baisemaele
le Bamoabe le Bahagare
8 le ba Gebale le Baamone
le Baamaleke le Bafelesita
mmogo le baagi ba Tiro;
9 Baasiria le bona ba ikopantse nabo,
ba thusa boora Lote. Sela.
10 Ba direle jaaka o kile wa direla
Bamidiane le Sisera
le Jabine fa nokeng ya Kisone.
11 Ba nyeleditswe kwa Entore,
ba tswa letshotelo la tshimo.
12 Dira batlotlegi ba bona
gore ba nne jaaka Orebe le Seebe
le dikgosana tsa bona
jaaka Seba le Salemuna
13 tse di reng:
“A re ithopeleng
maago a Modimo.”
14 Modimo wa me,
ba dire jaaka matlakala
le jaaka moko
o o gogolwang ke phefo.
15 Molelo o fisa sekgwa
le kgabo ya molelo
e tshuba dithaba:
16 Ba leleke jalo ka ledimo la gago,
o ba boifise jalo
ka kgwanyape ya gago.
17 Tlatsa difatlhego tsa bona ditlhong
gore ba batle leina la gago,
Morena.
18 A ba tlhajwe ke ditlhong,
ba boife ka go sa feleng.
A ba setlhafale ka ditlhong,
ba latlhege
19 gore ba lemoge,
fa wena yo o bidiwangMorena
ò le Mogodimodimo
ò le wesi o ò okameng lefatshe
lotlhe.