Poko ya Morena le kgothatso ya batho ba gagwe
1 Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo.
2 Ipeleleng Modimo
o e leng thata ya rona,
lo dudueletse Modimo
wa ga Jakobe.
3 Tlhabang sefela, lo letse moropa
le katara e e itumedisang le harepa.
4 Letsang phala, fa ngwedi o rogwa,
gape fa o le mosweu
ka letsatsi la moletlo wa rona.
5 Gonne ke molao
o o beetsweng Iseraele,
ke se se siametseng Modimo
wa ga Jakobe.
6 O o beile go nna tshupo
mo go Josefa,
jale fa o bololela lefatshe
la Egepeto.
Ke utlwa puo e ke ne ke sa e itse,
e re:
7 “Ke ne ka rola magetla a gagwe
morwalo, diatla tsa gagwe
tsa imololwa seroto.
8 O no wa bitsa o le mo tlalelong,
ka go golola;
ka go araba ke fitlhegile
mo marung a a dumang,
ka go leka fa metsing a Meriba.
Sela.
9 Reetsa, morafe wa me,
ke tla go kaela; wena Iseraele,
e kete o ka bo o nkutlwa.
10 A go se ka ga nna modimo ope
wa seeng mo go wena;
le gona o se ka wa obamela
modimo ope wa ba sele.
11 Ke nnaMorena,
Modimo wa gago,
o o go ntshitseng
kwa lefatsheng la Egepeto;
atlhamisa legano la gago
gore ke le tlatse.
12 Mme batho ba me
ba ne ba sa reetse lentswe la me;
Iseraele o ne a sa utlwane le nna.
13 Ke fa ke ba naya tsela ka ntlha
ya logwadi lwa dipelo tsa bona;
ba itsamaela ka fa maitaolong
a bona.
14 E kete batho ba me
ba ka bo ba nkutlwa!
E kete Iseraele o ka bo a sepela
mo ditseleng tsa me!
15 Ke ne ke tla akofa ke kokobetsa
baba ba bona,
ke tsholeletsa
baganetsi ba bona letsogo.
16 Ba ba tlhoilengMorena
ba ne ba tla mo tlakisa,
mme sebaka sa bona Baiseraele
e ne e tla nna se se sa khutleng.
17 O ne a tla ba jesa mabele
a a nonneng.
Ke ne ke tla go kgorisa dinotshe
tsa semana.”