DIPESALOME 80

Thapelo ya go tlhabolola Iseraele, e leng tshimo ya Modimo ya moweine

1 Pesalome ya tshupo ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”.

2 Wena, Modisa wa Iseraele,

a o ko o utlwe;

wena yo o gogang Josefa

jaaka letsomane,

wena yo o ntseng godimo

ga boKerubime,

iponatse ka phatsimo.

3 Tsosa nonofo ya gago

fa pele ga Eferaime

le Benyamene le Manase,

mme o tle go re thusa.

4 Re tlhabolole, Modimo,

o phatsimise sefatlhego sa gago

gore re phologe.

5 Morena, Modimo

wa masomosomo,

o tla galefela thapelo ya batho

ba gago goleele go le kae?

6 O ba jesitse senkgwe sa dikeledi,

wa ba nosa dikeledi gagolo thata.

7 O re dirile se se lwelwang

mo go ba re bapileng nabo,

baba ba rona ba a re sotla.

8 Re tlhabolole,

Modimo wa masomosomo,

o phatsimise sefatlhego sa gago

gore re phologe.

9 O epolotse setlhatshana

sa moweine

mo lefatsheng la Egepeto,

wa leleka ditšhaba, wa se tlhoma.

10 O se baakanyeditse manno,

sa nama medi, sa tlala lefatshe.

11 Dithaba di ne di khurumediwa

ke moriti wa sona,

le mesetere ya Modimo

e khurumediwa ka dikala tsa sona.

12 Se ne se godisa dikala tsa sona

go fitlha kwa lewatleng

le matlhogela a sona

go fitlha kwa nokeng ya Ferathe.

13 Kana o ne o phomelang

dipota tsa sona

gore botlhe ba ba fetang ka tsela

ba se fotlhe?

14 Kolobe ya sekgwa e a se epolola,

diphologolo tsa naga di a se ja.

15 Tswetswe, boa,

Modimo wa masomosomo;

leba, o le kwa legodimong, o bone;

o tlhokomele setlhatshana

se sa moweine;

16 e bong setlhongwa

se se tlhomilweng

ka letsogo la gago le le jang,

le morwa yo ò mo ikgodiseditseng.

17 Se fisitswe ka molelo, sa kgaolwa;

a baba ba latlhege ka kgalemelo

ya sefatlhego sa gago.

18 A letsogo la gago le okame monna

yo o dirilweng ke letsogo la gago

le le jang,

e bong morwa motho

yo ò mo ikgodiseditseng.

19 Foo ga re kitla re go hularela.

Re phedise,

mme re tla bitsa leina la gago.

20 Re tlhabolole,Morena,

Modimo wa masomosomo,

o phatsimise sefatlhego sa gago

gore re phologe.