DIPESALOME 79

Batho ba ba kgobegileng ba Modimo

1 Pesalome ya ga Asafe.

Modimo, baheitane

ba tsenye mo bosweng jwa gago;

ba itshepolotse Tempele

e e Boitshepo ya gago;

ba dirile Jerusalema

maroperope fela.

2 Ditoto tsa batlhanka ba gago ba di

file dinonyane tsa loapi go di ja;

nama ya baitshepi ba gago

ba e file dibata tsa naga.

3 Madi a bona ba a tsholotse

jaaka metsi

tikologong ya Jerusalema,

mme go ne go se ope

yo o ba fitlhang.

4 Re diregile nyatsego fela

mo go ba re bapileng nabo;

le tshotlego le kgobo

mo go ba ba tikologong ya rona.

5 E tla nna goleele go le kae,

Morena?

A o tla galefela ruri,

a lefufa la gago

le tla tuka jaaka molelo?

6 Tshololela kgakalo ya gago

mo baheitaneng

ba ba sa go itseng le mo magosing

a a sa bitseng leina la gago.

7 Gonne ba jele Jakobe,

ba senya boago jwa gagwe.

8 O se ka wa re beletsa ditshiamololo

tsa borraetsho-mogolwagolwane;

a boutlwelo-botlhoko jwa gago

bo re kgatlhantshe ka bonako,

gonne re koafetse thata.

9 Re thuse,

Modimo wa pholoso ya rona

ka ntlha ya tlotlo ya leina la gago;

o re namolele,

o re itshwarele maleo

ka ntlha ya leina la gago.

10 Kana baheitane

ba tla buelang ba re:

“Modimo wa bona o kae?”

A pusolosetso ya madi

a a tsholotsweng

a batlhanka ba gago e itsege

mo baheitaneng

fa pele ga matlho a rona.

11 A phegelo ya bagolegwi

e fitlhe fa pele ga gago;

a bona ba ba tshwanetseng go swa

ba lesiwe ka fa bogolong

jwa letsogo la gago.

12 Mme kgalo e bona

ba re bapileng nabo

ba go kgadileng ka yona,

Morena, o e ba busetse gasupa

mo dihubeng tsa bona.

13 Mme rona

ba re leng batho ba gago

le dinku tsa bofulo jwa gago,

re tla go leboga ka bosakhutleng,

re bolela pako ya gago

go ya tshikatshikeng.