Tshenyego e e boitshegang metlheng ya bofelo
1 Mme itse gore mo malatsing a bofelo go tla tla dipaka tse di bokete;
2 gonne batho e tla nna baithati, baratamadi, baipoki, baikgantshi, bakgadi, ba ba sa utlweng bagolo, ba ba sa lebogeng, ba ba sa itshepang,
3 ba ba se nang lorato, ba ba sa itshwareleng, ba ba latofatsang, ba ba sa itsholeng sentle, ba ba sa itshwareng, ba ba sa rateng sepe se se molemo,
4 balotsana, ba ba kgopo, ba ba ikgogomosang, ba ba ratang dikgatlhego tsa lefatshe bogolo go Modimo;
5 ba ba nang le setshwano sa bodumedi, etswe thata ya jona ba e latotse. Bone bao o ikgaoganye nabo.
6 Gonne mo go bao go na le ba ba kukunelang matlo, ba ikgapela basadi ba ba se nang maitsholo, ba ba tletseng boleo, ba gogwa-gogwa ke dikeletso tsa mefutafuta;
7 le fa ba ithuta ka gale, ga ba kgone ka gope go fitlha kitsong ya boammaaruri.
8 Banna bao ba ganetsa boammaaruri, jaaka Janese le Jambrese ba kile ba ganetsa Moše. Ke batho ba ba senyegileng maikutlo, mo ba sa tlholeng ba ka dumela.
9 Mme ga ba kitla ba tswelela pele ka boleele; gonne bosilo jwa bone bo tla itsege mo go botlhe, fela jaaka jwa bale bo senogile.
Kaelo ya go ema ka tlhomamo mo thutong e e siameng, le ya go rera ka nako le nako
10 Mme wena o ntatetse ka thuto le mokgwa le boikaelelo le tumelo le bopelotelele le lorato le boitshoko
11 le ditlhomaro le dipogiso, jaaka di ntirafaletse kwa Antiogia le kwa Ikonio le kwa Lesitara. Di kana kang ne, dipogiso tse ke di itshoketseng! Mme Morena o nkgolotse mo go tsona tsotlhe.
12 Botlhe ba ba ratang go phela ka poifo-Modimo mo go Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.
13 Mme batho ba ba bosula le batsietsi ba tla nna ba sulafalela pele, ba timetsa, ba bile ba timediwa.
14 Mme wena, tlhomama mo dilong tse o di ithutileng, wa di dumela ka go itemogela, ka o itse ba o ithutileng mo go bone,
15 le ka Dikwalo tse di boitshepo o sa le o di itse go tswa bonyaneng jwa gago, tse di nonofileng go go tlhalefisetsa phologo ka go dumela mo go Keresete Jesu.
16 Lokwalo longwe le longwe lo lo kwadilweng ka tlhotlheletso ya Modimo lo molemo go ruta le go kgalemela le go sokolola le go godisa mo tshiamong,
17 gore motho wa Modimo a nne boitekanelo, e nne yo o etleetsegetseng tiro nngwe le nngwe e e siameng ka botlalo.