Modimo ke moatlhodi le mogolodi
1 Pesalome ya ga Asafe e e kwaletsweng moopedisi; sefela se se opedisiwang ka kwadi ya dithapo.
2 Modimo o itsiwe mo Juta;
leina la ona le legolo mo Iseraele.
3 Ee, motlaagana wa ona
o mo Saleme,
le boago jwa ona mo Sione.
4 O robakile metsu-seka-ditladi
ya bora teng,
le thebe le tšhaka le tsa ntwa. Sela.
5 O a phatsima, o a galalela,
o tswa kwa dithabeng tsa thopo.
6 Dinatla tse di pelokgale
di thopetswe,
di gateletswe ke boroko,
bagale botlhe ba repile diatla.
7 Modimo wa ga Jakobe,
koloi ya ntwa le pitse
di tserwe ke madiopo ka kgalemelo
ya gago.
8 Wena o yo o boitshegang;
ke mang yo o ka emang
fa pele ga gago,
fa bogale jwa gago bo tuka?
9 O ne wa utlwatsa katlholo
go tswa kwa legodimong;
lefatshe la tshoga, la didimala,
10 fa Modimo o ema go atlhola
gore o thuse botlhe ba ba pelonolo
ba lefatshe. Sela.
11 Gonne bogale jwa motho
bo a go tlotla,
o itlama ka bogale jo bo setseng.
12 IkanelengMorena,
Modimo wa lona,
lo o lefele maikano.
A botlhe ba ba o dikanyeditseng
ba tsisetse ona o o tshabegang
dineo,
13 o o kokobetsang boikgantsho
jwa dikgosana,
o o tshabegang mo dikgosing
tsa lefatshe.