Tshenyego ya Felo-ga-Boitshepo
1 Sefela sa thuto sa ga Asafe.
Ke ka ntlha yang, Modimo,
fa o re latlhetse ruri,
mme bogale jwa gago bo tukela
dinku tsa mafulo a gago?
2 Gopola phuthego ya gago
e o sa leng o e ithekela bogologolo
e o e ithekololetseng
gore e nne setšhaba
sa boswa jwa gago,
e bong thaba ya Sione
e o kileng wa aga mo go yona.
3 Tsholeletsa dinao
maropeng a a nnetseng ruri.
Mmaba o sentse tsotlhe
mo Felong-ga-Boitshepo.
4 Baganetsi ba gago ba ne ba bôpa
mo mafelong a phuthego ya gago;
ba emisitse difoka tsa bona
go nna ditshupo.
5 Go tshwana le batho,
fa ba eketse sekgwa sa ditlhare
dilepe.
6 Mme jaanong ba kgekgethile
meseto yotlhe
ka dilepe le ka dinoto.
7 Ba tshubile Felo-ga-Boitshepo
ga gago,
ba itshepolotse boago
jwa leina la gago
ka go bo digela fa fatshe.
8 Ba rile mo pelong tsa bona:
“A re ba remaganyeng botlhe!”
Ba fisitse matlo otlhe a Modimo
mo lefatsheng.
9 Ga re bone ditshupo tsa rona;
ga go tlhole go le moporofeti ope.
Ga go ope mo go rona yo o itseng
gore go tla tswelela go ya leng.
10 Ao, Modimo, kana moganetsi
o tla kgala goleele go le kae?
A mmaba o tla nna a kgoba
leina la gago ka bosakhutleng?
11 Ke ka ntlha yang,
fa o gonyetsa letsogo,
e bong letsogo le le jang?
Le ntshe mo sehubeng sa gago,
o nyeletse!
12 Kana Modimo e ntse e le kgosi
ya me go tswa bogologolong,
ona o o dirang ditiro tsa pholoso
mo lefatsheng.
13 Wena o dirile ka thata ya gago
gore lewatle le kgaphasele,
wa tšhwetla ditlhogo tsa dikgogela
mo metsing.
14 Wena o tšwetlakantse ditlhogo
tsa kgwanyape,
wa e neela bontsi jwa diphedi
tsa sekaka gore di e je.
15 Wena o phuntse metswedi
le melatswana,
wa kgadisa dinoka tse dikgolo
tse di ntseng di sa kgale.
16 Motshegare ke wa gago,
bosigo le jona ke jwa gago;
o beile lesedi le letsatsi.
17 Wena o segile melelwane yotlhe
ya lefatshe;
selemo le mariga
di dirilwe ke wena.
18 Gopola tse: Mmaba o go kgadile,
Morena;
batho ba masilo
ba kgobile leina la gago.
19 O se ka wa naya sebata
mowa wa lephoi la gago;
o se ka wa lebalela ruri
maphelo a batlalelwi ba gago.
20 Leba kgolagano;
gonne matikelo a lefatshe
a tletse mafelo a tshenyo
e e setlhogo.
21 A mopatikwa a se boe
a tlhabilwe ke ditlhong;
a babogisegi le bahumanegi
ba boke leina la gago.
22 Nanoga, Modimo,
o lwele tshiamo ya gago.
Gopola kgobo e o tlholang
o e direlwa ke motho wa lesilo.
23 O se ka wa lebala tlhodio
ya baganetsi ba gago
le dipopo tsa ba ba go tsogetseng,
tse di ntseng di tlhatloga.