DIPESALOME 71

O se ntlogele mo botsofeng

1 Ke tshabela kwa go wena,

Morena;

a ke se tlhajwe ke ditlhong

ka gope.

2 Mpholosa ka tshiamo ya gago,

o nkgolole;

ntshekegela tsebe o nthuse.

3 O nne logaga lwa me lwa phemelo

lo nka tsenang mo go lone ka gale,

wena yo o laetseng go nthusa;

gonne ke wena lefika la me

le phemelo ya me ya kwa thabeng.

4 Modimo wa me, nkgolole

mo letsogong la moikepi,

mo letsweleng la mosiamolodi

le la yo o setlhogo.

5 Gonne ke wena

yo ke go solofetseng,

Morena Modimo,

ke go ikantse

go tswa bokaung jwa me.

6 Ke itshegeditse ka wena

go tswa botsalong,

ke wena mogolodi wa me

go tswa tlholegong

ya me; sefela sa ka

se tla baka wena ka gale.

7 Nna ke kgakgamatso

mo bathong ba bantsi;

mme wena o botshabelo

jo bo thata jwa me.

8 Molomo wa me

o tletse pako ya gago

le kgalaletso ya gago ka gale.

9 Se ntatlhe

mo motlheng wa botsofe;

se ntlogele

mogang thata ya me e felang.

10 Gonne baba ba me

ba bua ka ga me,

le ba ba laletseng bophelo jwa me

ba a gakololana. Ba re:

11 “Modimo o mo tlogetse;

mo lelekeng, lo mo tshware;

gonne ga a na monamoledi.”

12 Modimo, o se nne kgakala le nna;

Modimo wa me, akofa o nthuse.

13 A ba ba tlhabanang

le mowa wa me

ba tlhajwe ke ditlhong, ba fele;

a ba ba batlang tlalelo ya me

ba bipiwe ke nyatsego le tshotlego.

14 Mme nna ke tla nna ke lebelela,

ke godisa tumo yotlhe ya gago.

15 Molomo wa me o tla bolela

tsa tshiamo ya gago

le tsa pholoso ya gago

ka metlha yotlhe;

gonne ga ke itse palo ya tsona.

16 Ke tla tla ka ditiro

tse di thata tsa Morena Modimo,

ke tla tumisa tshiamo ya gago

o le wesi fela.

17 Modimo, o nthutile

go tswa bokaung jwa me;

ke ntse ke bolela dikgakgamatso

tsa gago go fitlhelela kajeno.

18 Le gona, Modimo, o se ka wa

ntlogela go ya botsofeng,

fa ke thuntse tlhogo, go ya ke be

ke bolelele losika lo lo tlang

tsa letsogo la gago le botlhe

ba ba tlang tsa thata ya gago.

19 Le gona tshiamo ya gago, Modimo,

e fitlha kwa godimodimo;

Modimo, wena yo o dirileng

dilo tse dikgolo,

ke mang yo o tshwanang nao?

20 Wena yo o dirileng gore ke bone

dipitlagano tse dintsi le ditlalelo,

o tla boa o mphedisa,

o ntlhatlosa gape mo madibeng

a lefatshe.

21 O tla godisa bogolo jwa me,

o boa o nkgomotsa.

22 Jaanong le nna ke tla go lebogela

boammaaruri jwa gago

ka seletso sa harepa,

Modimo wa me,

ke go opelela ka katara,

wena Moitshepi wa Iseraele.

23 Molomo wa me o tla duduetsa,

fa ke go opelela pako,

le mowa wa me o ò o golotseng.

24 Loleme lwa me le lone

lo tla nna lo bua

ka ga tshiamo ya gago ka metlha;

gonne ba ba neng ba mpatlela

tatlhego ba tlhabilwe ke ditlhong

ba nyatsega.