Mmogisiwa
1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”.
2 Modimo, nthuse!
Gonne metsi a gaufi le go mpeta.
3 Ke rorometse mo lerageng
le le botengteng,
kwa go se nang boemo teng;
ke wetse mo madibeng a metsi,
morwalela o nkhurumeditse.
4 Ke lapisitswe ke go lela ga me,
ke sule lentswe;
matlho a me a a fela ke ntse
ke lebeletse Modimo wa me.
5 Ba ba ntlhoileng, go se na molato,
ba bantsi go feta dithiri
tsa tlhogo ya me.
Ba ba ratang go ntshenya,
ba e leng baba ba me
kwa ntle ga lebaka ba thata,
ba re, ke tshwanetse go busa
se ke sa se gapang.
6 Modimo, wena o itse
bosilo jwa me,
le melato ya me ga o a e subelwa.
7 A bona ba ba go lebeletseng
ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna,
Morena,
Modimo wa masomosomo.
A bona ba ba go batlang
ba se swabe ka nna,
Modimo wa Iseraele.
8 Gonne ke ka ntlha ya gago
ke rweleng nyatsego,
ditlhong di bipile
sefatlhego sa me.
9 Bomorwa-rre
ke ba fetogetse moeng,
ke yo o sa itsiweng
mo baneng ba ga mme.
10 Gonne go tlhoafalela Ntlo ya gago
go njele,
le dikgobo tsa bona
ba ba go kgobang di nkwetse.
11 Ke ne ka ikutlwisa botlhoko
ka go itima dijo,
mme ga mphetogela ditlhong.
12 Ka ikapesa kgetse ya bohutsana,
mme ka tswa seane sa tshotlo
mo go bona.
13 Ba ba ntseng mo kgotleng
ba bua ka ga me,
le ba ba nwang bojalwa
ba nkopela difela.
14 Mme nna, thapelo ya me
ke e lebisitse wena,Morena,
ka nako e e go kgatlhang.
Modimo, nkutlwe ka fa bogolong
jwa bopelotlhomogi jwa gago
le ka ntlha ya pholoso ya gago
e e ikanyegang.
15 Ntshwatole mo lerageng
gore ke se ka ka rôrômelela ruri;
a ke gololwe
mo go ba ba ntlhoileng
le mo madibeng a metsi.
16 A morwalela o se nkhurumetse,
le bodiba a bo se nkometse;
a lemena le se itswale molomo
godimo ga me.
17 Nkutlwe,Morena,
gonne bopelotlhomogi jwa gago
bo molemo;
retologela go nna ka fa bogolong
jwa boutlwelo-botlhoko jwa gago.
18 Mme o se ka wa fitlhela
motlhanka wa gago
sefatlhego sa gago,
gonne ke mo pitlaganong.
Akofa o nkutlwe.
19 Atamela mowa wa me, o o golole;
nkgolole ka ntlha ya baba ba me.
20 Wena o itse nyatsego ya me
le ditlhong tsa me
le go kgojwa ga me;
baganetsi ba me o ba itse botlhe.
21 Nyatsego e mphatlotse pelo,
ka felelwa ke thata;
ke tlhologeletswe
boutlwelo-botlhoko,
mme ga bo yo, le bagomotsi,
mme ga ke ba bone.
22 Ba nneile santlhokwe
go nna sejo sa me,
mme e rile ke nyorilwe,
ba nnosa motatsa.
23 A bojelo jwa bona
bo nne segole fa pele ga bona,
le mutlwane
mo go ba ba sa kgathaleng sepe.
24 A matlho a bona a fifale
gore ba se ka ba bona,
o theeketse dinôka tsa bona
ka gale.
25 Goromeletsa kgakalo ya gago
mo go bona,
a molelo wa bogale jwa gago
o ba tshware.
26 A boago jwa bona bo nne letlotla;
a go se age ope
mo ditenteng tsa bona.
27 Gonne ba bogisa ena
yo wena o mo iteileng;
ba godisa botlhoko
jwa yo ò mo khutlileng.
28 Oketsa molato wa bona ka molato;
a ba se bone tshiamiso ya gago.
29 A ba phimolwe
mo bukeng ya bophelo;
a ba se kwalwe le basiami.
30 Mme nna ke bogisegile,
ke tletse botlhoko.
A pholoso ya gago, Modimo,
e nkgodise.
31 Ke tla tumisa leina la Modimo
ka sefela,
ke le godisa ka pina e e lebogang.
32 Moo go tla kgatlhaMorena
bogolo go kgomo,
e bong poo e e nang le dinaka
le ditlhako tse di maphata.
33 Ba ba pelonolo ba a go bona,
ba itumele.
Lona ba lo batlang Modimo,
a dipelo tsa lona di phele.
34 GonneMorena
o utlwa bahumanegi;
ga a nyatse batshwarwi ba gagwe.
35 A legodimo le lefatshe
di mo tumise,
le mawatle le tsotlhe
tse di nyeulang mo go ona.
36 Gonne Modimo
o tla pholosa Sione,
o aga metse ya Juta;
ba tla aga teng, ba e rua.
37 Boora batlhanka ba ona
ba tla rua boswa teng;
ba ba ratang leina la ona
ba tla aga gona.