DIPESALOME 68

Go fenya ga Modimo wa ga Iseraele

1 Pesalome ya ga Dafita. Sefela se se kwaletsweng moopedisi.

2 Fa Modimo o nanoga,

baba ba ona ba phatlalala;

ba ba o tlhoileng ba tshaba

fa pele ga ona.

3 O ba nyeletsa jaaka musi o nyelela;

baikepi ba latlhega

fa pele ga Modimo

jaaka mmotu o gakologa

mo molelong.

4 Mme basiami ba itumele,

ba duduetse fa pele ga Modimo,

ba itumele ka boipelo.

5 Opelelang Modimo,

opelelang leina la ona pako!

Ona o o ralalang dipoa

tsa bogareganaga,

o baakanyetseng tsela!

Itumeleng moMoreneng,

lo duduetse fa pele ga gagwe.

6 Modimo ke rra-dikhutsana,

le moatlholedi wa batlholagadi

mo boagong jo bo boitshepo

jwa ona.

7 Modimo o direla bannanosi legae;

o golola bagolegwi,

o ba gogele lesegong;

mme baganetsi bona

ba agile mo lefatsheng la komelelo.

8 Modimo, e rile o bolola

fa pele ga batho ba gago,

ya re o tsamaya mo sekakeng, Sela,

9 lefatshe la roroma,

magodimo le ona

a rotha fa pele ga sefatlhego

sa Modimo;

Sinai a reketla fa pele ga sefatlhego

sa Modimo,

Modimo wa Baiseraele.

10 Modimo,

o nesitse pula ya medupe,

wa lapolosa naga ya boswa

jwa gago e e swabileng.

11 Lesomo la gago le ne la aga

mo go yona;

o ne wa e baakanyetsa babogisegi

ka molemo wa gago, Modimo.

12 Morena o utlwatsa lefoko;

basadi ba ba tlhabang mokgosi

wa phenyo

ke lesomo le legolo.

13 Dikgosi tsa masomosomo

di a tshaba, di a tshaba;

mme mosadi yo o setseng mo gae

o aba thopo.

14 Fa lo robala kwa merakeng,

ga lo bone thopo e e phatsimang

jaaka diphuka tsa lephoi

tse di manegilweng selefera

le diphofa tsa lone

tse di manegilweng gouta

e tshetlha.

15 E rile Mong-wa-thata-yotlhe

a falatsa dikgosi teng,

semathana sa na mo dithabeng

tsa Salemone.

16 Thaba ya Basane

ke thaba ya Modimo;

thaba ya Basane

ke thaba e e ditlhoa.

17 Lona dithaba tse di ditlhoa,

lo lebetseng ka lefufa kwa thabeng

e Modimo o e itlhaoletseng

go nna boago jwa ona?

Ee,Morenao tla aga teng

ka bosakhutleng.

18 Dikoloi tsa Modimo

di dikete tse di masome,

ke dikete tse di dikete;

Morena yo o neng a na nabo

kwa Sinai

kajeno o mo Felong-ga-Boitshepo.

19 O tlhatlogetse kwa godimo,

wa thopa batshwarwi,

wa amogela dineo mo bathong –

ee, le mo baganetsing –

go nna kgosi

o leMorena, Modimo.

20 A go bakwe Morena

yo o re belegang

ka letsatsi le letsatsi.

Modimo ke pholoso ya rona. Sela.

21 Modimo ke Modimo wa dithuso

mo go rona;

ModimoMorena

o itse go re falodisa mo losong.

22 Ruri, Modimo o tla tšhwetlaka

ditlhogo tsa baba ba ona,

e bong logata lo lo moriti

lwa yo o ntseng a iphelela

mo molatong wa gagwe.

23 Morenao rile:

“Ke tla ba busa kwa Basane,

ke tla ba busa

mo bodibeng jwa lewatle,

24 gore o phatšhe ka lonao

mo mading;

diteme tsa dintšwa tsa gago di nne

le seabe sa tsona mo babeng.”

25 Ba bona tsamao ya masomo a gago,

Modimo, tsamao ya masomo

a Modimo wa me,

a kgosi ya me,

a tsena mo Felong-ga-Boitshepo.

26 Baopedi ba etelela pele,

ba latelwa ke baletsi ba dikwadi

tsa dithapo,

ba tsentswe gare ke makgarebe

a a letsang meropa.

27 “Bakang Modimo,Morena,

mo diphuthegong,

lona ba motswedi wa Iseraele!”

28 Go teng Benyamene yo mmotlana

yo o ba busang,

dikgosana tsa Juta ka lesomo,

dikgosana tsa Sebulone,

dikgosana tsa Nafetale.

29 Modimo, laela thata ya gago,

o itshupe o le thata,

wena Modimo o o re diretseng,

30 o le kwa Tempeleng ya gago

o okametse Jerusalema.

Dikgosi di tla go tlisetsa dineo.

31 Kgalemela sephedi sa motlhaka –

motlhape wa dipoo

mmogo le merafe ya se-ka-morôle

– ba ba ineelang ka dikgolokwe

tsa selefera.

Falatsa merafe

e e natefelwang ke ntwa.

32 Dikgosana di tla tswa kwa Egepeto;

lefatshe la Khuše le tla akofa

le ntshetsa Modimo

mabogo a lone.

33 Lona magosi a lefatshe,

opelelang Modimo;

opelelang Morena pako; Sela,

34 ona o o ralalang magodimo

a a godimodimo a bogologolo tala;

utlwang, o utlwatsa lentswe la ona,

lentswe le legolo.

35 Neelang Modimo thata,

borena jwa ona bo okame Iseraele

le thata ya ona e mo marung.

36 Modimo o boitshega

go tswa mafelong a ona

a a boitshepo.

Modimo wa Iseraele

ke ona o o nayang morafe

thata le nonofo.

A Modimo o bakwe.