Sefela sa pako morago ga dipogiso
1 Sefela sa pako se se kwaletsweng moopedisi.
Dudueletsang Modimo,
lona ba lefatshe lotlhe.
2 Opelelang kgalalelo ya leina la ona;
galaletsang pako ya ona.
3 Rayang Modimo lo re:
“Ditiro tsa gago
di tlotlometse jang ne!
Baba ba gago ba tla go tlakisa
ka ntlha ya bogolo
jwa thata ya gago.
4 A ba lefatshe lotlhe ba go obamele,
ba go opelele,
ba opelele leina la gago pako.”
Sela.
5 Tlayang, lo lebe ditiro tsa Modimo;
o boitshega ka ditiro
mo baneng ba batho.
6 O fetotse lewatle komelelo;
ba kgabagantse noka ka dinao;
foo ra o itumelela.
7 O busa ka gale ka thata ya ona;
matlho a ona a lebile merafe;
baganetsi ga ba na go o tsogela.
Sela.
8 Galaletsang Modimo wa rona,
lona merafe!
Lo utlwatse lentswe le le o bakang;
9 o o nayang mewa ya rona bophelo,
o sa leseletse dinao tsa rona
go theekela;
10 gonne wena, Modimo, o re lekile,
wa re itshekisa,
jaaka go itshekisiwa selefera.
11 O re tsentse mo letloeng,
wa baya morwalo o o imelang
mo dinokeng tsa rona.
12 Wa lesa bapalami
ba re gata ditlhogo;
ra tsena mo molelong
le mo metsing;
mme o re ntsheditse
kwa go leng letlotlo.
13 Ke tla tsena mo Ntlong ya gago
ka ditlhabelo tsa phiso;
ke tla go dirafaletsa maikano a me
14 a loleme lwa me lo a boletseng,
a molomo wa me o a buileng,
ke le mo tlalelong.
15 Ke tla go tsisetsa ditlhabelo tsa
phiso tsa dinku tse di nonneng,
di na le musi wa ditlhabelo
tsa diphelehu;
ke tla go direla ka dikgomo
le diphoko. Sela.
16 Tlayang, lo reetse,
lona lotlhe ba lo boifang Modimo;
ke tla bolela se o se diretseng
mowa wa me.
17 Ke goetse kwa go ona ka molomo;
pako e mo lolemeng lwa me.
18 Fa nka bo ke akantse boikepo
ka pelo ya me,
Morena a ka bo a sa utlwa.
19 Mme ruri, Modimo o nkutlwile,
wa tlhokomela lentswe
la thapelo ya me.
20 A go bakwe Modimo
o o se kang wa latlha
thapelo ya me,
le e seng go ntima
bopelotlhomogi jwa ona.