DIPESALOME 63

Dafita o tlhologeletswe Modimo

1 Pesalome ya ga Dafita, a le mo sekakeng sa Juta.

2 Modimo, o Modimo wa me,

ke batla wena;

mowa wa me o go nyoretswe,

nama ya me e go tlhologeletswe

mo lefatsheng la komelelo,

le le nyorilweng,

le le se nang metsi.

3 Ke ne ke go lebile

kwa Felong-ga-Boitshepo

ka maikutlo a a ntseng jalo,

go bona thata ya gago

le kgalalelo ya gago.

4 Gonne bopelotlhomogi jwa gago

bo molemo go gaisa bophelo.

Molomo wa me o tla go baka.

5 Ke tla go tumisa jalo

mo botshelong jotlhe jwa me,

ke tsholetsa mabogo

mo leineng la gago.

6 Mowa wa me o tla kgora

jaaka ka moko le mafura;

molomo wa me o tla baka

ka go duduetsa,

7 fa ke go gopola

mo bolaong jwa me;

ke akanya ka ga gago

ka dinako tsa tebelelo ya bosigo.

8 Gonne o ne o le thuso ya me;

ke tla duduetsa

mo moriting wa diphuka tsa gago.

9 Mowa wa me o go setse morago,

o go kgomaretse;

letsogo le le jang la gago

le ntshegeditse.

10 Mme bona ba ba ratang

go nkisa tshenyegong

ke bona ba ba tla fitlhang

mo mafelong

a a kwa tlase ga lefatshe.

11 Ba tla neelwa mo thateng

ya tšhaka;

ba tla nna seabe sa diphokojwe.

12 Mme kgosi e tla itumela

mo Modimong.

Mongwe le mongwe yo o ikanang

ka ona o tla belafala;

gonne melomo ya ba ba buang

maaka e tla thijwa.