DIPESALOME 62

Boikhutso mo Modimong

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ga Jeduthune.

2 Mowa wa me o didimaletse

Modimo fela;

thuso ya me e tswa mo go ona.

3 Ke ona fela lefika la me

le thuso ya me

le kago ya me ya phemelo;

ga nkitla ke tshikinyega thata.

4 Lo tla kgwelogela motho

goleele go le kae,

lo rata go mmolaya lotlhe,

etswe a tshwana le lobota

lo lo sekameng

le lorako lo lo batlileng go wa?

5 Ba akantse fela go mo diga

mo bogolong jwa gagwe;

ba natefelwa ke maaka;

ka molomo ba a tshegofatsa,

mme mo teng ga bona

gona ba hutsa. Sela.

6 Didimalela Modimo fela,

mowa wa me;

gonne se ke se lebeletseng

se tswa mo go ona.

7 Kana ke ona lefika la me

le thuso ya me;

ke kago ya me ya phemelo,

ga nkitla ke tshikinyega.

8 Pholoso ya me e mo Modimong

le tlotlo ya me;

lefika le le thata la me

le mo Modimong,

le botshabelo jwa me.

9 Ikanyeng ona ka gale, lona batho!

Tshololang dipelo tsa lona

fa pele ga ona!

Modimo ke botshabelo jwa rona.

Sela.

10 Ruri, ba babotlana ke ba lefelafela,

ba bagolo ke baaki;

mo selekanyong ba a tsholetsega,

botlhe mmogo ba botlhofo bogolo

go pudulo e le nngwe fela

ya mowa.

11 Lo se ka lwa ikanya patiko;

lo se ka lwa solofelela lefela

mo thopong.

Fa khumo e ata, lo se ka

lwa e kgomarela ka dipelo.

12 Modimo o buile gangwe,

nna ke utlwile gabedi

gore thata ke ya Modimo.

13 Le bopelotlhomogi ke jwa gago,

Morena;

gonne o duela mongwe le mongwe

ka fa tirong ya gagwe.