DIPESALOME 61

Kgosi e a tshaba

1 Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opedisiwang ka kwadi ya dithapo.

2 Modimo, utlwa mekokotlelo ya me,

o ele thapelo ya me tlhoko.

3 E a re fa pelo ya me e feletswe,

ke goele kwa go wena

ke le kwa bokhutlong jwa lefatshe;

nkgogele kwa godimo ga lefika

le legolo la pholoso,

nna ke a palelwa.

4 Gonne o diregile botshabelo

jwa me,

le turio e e thata ya phemelo

kgatlhanong le mmaba.

5 Ke rata go nna ka gale

mo tenteng ya gago

le go tshabela mo phemelong

ya diphuka tsa gago. Sela.

6 Gonne wena, Modimo,

o utlwile maikano a me;

ba ba boifang leina la gago

o ba neile boswa.

7 A ko o oketse malatsi a kgosi

ka malatsi;

a dinyaga tsa yona di nne

go ya tshikatshikeng.

8 A e nne mo sedulong sa bogosi

fa pele ga Modimo

ka bosakhutleng.

Dira gore bopelotlhomogi

le boammaaruri di e sireletse.

9 Foo ke tla opelela leina la gago

ka go sa feleng,

ke dirafatsa maikano a me

ka letsatsi lengwe le lengwe.