DIPESALOME 60

Thapelo ya ga Dafita, a sena go fenngwa

1 Loboko lwa ga Dafita lwa go ruta lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Ledutla la tshupo”.

2 Lo kwadilwe jale fa a tlhabana le Basiria ba Mesopotamia le Basiria ba Soba, fa Joabe a boa, a fenya Baetomo ba le 12 000 mo mokgatsheng wa letswai.

3 Modimo, o re latlhile,

o re faladitse;

o ne o gaketse, re agise gape.

4 O roromisitse lefatshe,

wa le fatoganya.

Fodisa thubego ya lone,

gonne le a theekela.

5 O bontshitse batho ba gago

dilo tse di thata,

wa re nosa weine e e theekedisang.

6 Ba ba go boifang o ba neile sefoka

gore ba falole mo boreng. Sela.

7 Thusa ka letsogo le le jang la gago,

o re utlwe,

gore baratiwa ba gago ba gololege.

8 Modimo o buile mo Felong-ga-Boitshepo

ga ona wa re:

“Ke tla ipela,

ke tla kgaoganya Šegeme,

ke lekanya mokgatsha wa Sukothe.

9 Gileate ke wa me

le Manase ke wa me;

Eferaime ke phemelo

ya tlhogo ya me,

Juta ke thobane ya me ya bogosi.

10 Moabe ke mogopo wa me

wa go tlhapela.

Setlhako sa me

ke se latlhela mo go Etomo;

ntudueletsa, wena Felesita.”

11 Ke mang yo o tla nkisang

kwa motseng o o thata?

Ke mang yo o tla nkgogelang

kwa Etomo?

12 A ga se wena, Modimo,

o o re latlhileng?

Ee, Modimo, ga o bolole

le mephato ya rona.

13 Re direle thuso ya go phologa

mo mmabeng;

gonne thuso ya batho

ga se ya sepe.

14 Ka Modimo re tla dira

ditiro tsa bonatla,

mme ona o tla gataka baba ba rona.