Tumediso
1 Nna Paulo, moapostolo wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo ka fa tsholofetsong ya botshelo jo bo mo go Keresete Jesu,
2 ke kwalela Timotheo, ngwanake yo o rategang:
A bopelotlhomogi le boutlwelo-botlhoko le kagiso tse di tswang mo go Modimo Rara le mo go Keresete Jesu Morena wa rona di nne le wena!
Lorato lwa ga Paulo lwa go rata Timotheo
3 Ke leboga Modimo o ke sa leng ke o direla go tloga mo go borre ka segakolodi se se itshekileng. Ke ntse ke go gopotse ka gale mo merapelong ya me bosigo le motshegare.
4 Ke tlhologeletswe go go bona, fa ke gopola dikeledi tsa gago, gore ke tle ke tladiwe boitumelo.
5 Ke gakologelwa tumelo ya gago e e se nang boitimokanyo, e e rileng pele ya bo e agile mo go mmaago-mogolo Loise le mo go mmaago Onika, mme ke dumela gore le mo go wena e teng.
6 Ka ntlha ya moo ke go gakolola gore o kgotetse neo ya Modimo gape e e mo go wena ka peo ya diatla tsa me.
7 Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa boboi, mme e le wa thata le wa lorato le wa boitshwaro.
8 Ka moo o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya tshupo ya go supa ka ga Morena wa rona, le fa e le nna, ke le mogolegwi wa gagwe, mme o bogele Efangele mmogo le nna ka fa thateng ya Modimo
9 o o re pholositseng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, mme e le ka fa boikaelelong jwa ona le ka fa bopelotlhomoging jo re sa leng re bo newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo,
10 mme jo jaanong bo senotsweng ka iponatso ya ga Keresete Jesu, Mogolodi wa rona, yo o nyeleditseng loso, a baya bophelo le bosasweng mo leseding ka Efangele
11 e ke e beetsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo le moruti wa baheitane.
12 Ke ka ntlha ya moo ke bogang dilo tseo, mme ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse yo ke dumetseng mo go ene, ke bile ke itse ka tlhomamo gore o nonofile go boloka se ke se neetsweng go fitlha mo letsatsing leo.
13 Sekao sa mafoko a a itekanetseng a o a utlwileng mo go nna, o se tshegetse mo tumelong le mo loratong lo lo mo go Keresete Jesu.
14 Neo e e molemo e o e neetsweng o e boloke ka Mowa o o Boitshepo o o agileng mo go rona.
15 Kana o itse gore batho botlhe ba kwa Asia ba nkhularetse, ba Figelo le Heremogene e leng bangwe ba bone.
16 A Morena a utlwele ba ntlo ya ga Onesiforo botlhoko; gonne o ntsitsibositse gantsi, mme a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya keetane e e mpofileng.
17 Mme e rile a fitlha kwa Roma, a mpatla ka tlhoafalo, a ba a mpona.
18 A Morena a mo nee go bona boutlwelo-botlhoko mo Moreneng ka letsatsi leo. Mme dilo tse dintsi tse a di ntiretseng kwa Efeso, ò di itse sentle thata.