Go busolosa baatlhodi ba ba sa siamang
1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”.
2 Lona beng ba thata,
a ka nnete lo bua tsa tshiamo?
A lo sekisa bana ba batho
ka tlhamalalo?
3 Nnyaya, lo akantse tshiamololo
mo dipelong;
lo lekanyetsa batho bokgopo
jwa diatla tsa lona mo lefatsheng.
4 Baikepi ba sa le ba tenega
go tswa botsalong;
ba ba buang maaka ba ntse
ba timetse go tswa botsalong.
5 Ba na le botlhole jo bo tshwanang
le botlhole jwa noga;
ba tshwana le lebolobolo
le le bosusu,
le le thibetseng ditsebe,
6 le le sa reetseng mantswe a baloi,
le fa e le lentswe la moupi
yo o rutilweng tsa go upa.
7 Modimo, roba meno a bona
mo melomong ya bona;
Morena, kgola meno a ditawana.
8 A ba nyelele jaaka metsi a a elang,
a ya;
fa a hula metsu ya gagwe,
a e nne jaaka e e titinegileng.
9 A ba tshwane le kgopa
e e gakologang e ntse e gagaba;
ba tshwane le sefolotsana
se se se kang sa bona letsatsi.
10 E tla re dipitsa tsa lona di ise di
utlwe molelo wa setlhare sa mitlwa,
ledimo le se gogole,
se sa le setala gongwe
se setse se tuka.
11 Mosiami o tla itumela,
fa a bona pusoloso;
o tla tlhapa dinao
mo mading a baikepi.
12 Ke gona batho ba tla reng:
“Ruri, mosiami o bona tuelo;
ruri, Modimo o teng
o o atlholang batho
mo lefatsheng.”