Kgomotso ya motshabi
1 Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Leeba la maoka a a kgakala”, lo kwadilwe jale fa Bafelesita ba ne ba mo tshwere kwa Gathe.
2 Modimo, intshwarele;
gonne motho o mpeteletse;
motlhabani o tlhola a mpitlagantse.
3 Ba ba ntaletseng ba tlhola
ba batla go mmetsa;
gonne ba bantsi ba ba lwang le nna
ka boikgodiso.
4 Motlhang ke boifang,
ke tla ikanya wena.
5 Ka thuso ya Modimo ke tla baka
lefoko la ona.
Ke ikanya Modimo ke sa boife;
kana batho ba ka ntirang?
6 Ba tlhola ba sokamisa mafoko a me;
megopolo yotlhe ya bona e lebile
go ntirela bosula.
7 Ba ikgobokanya, ba a lalela,
ba etse direthe tsa me tlhoko,
fela jaaka ba ba laletseng botshelo
jwa me.
8 A ba ka falola e le baikepi?
Modimo, diga merafe ka bogale.
9 Dikgarakgatshego tsa me
o di badile,
le dikeledi tsa me o di tsentse
mo modutwaneng wa gago;
kana di mo lokwalong lwa gago.
10 Foo baba ba me ba tla boela
kwa morago,
motlhang ke tla bitsang.
Se ke se itseng ke go re,
Modimo o mo ntlheng ya me.
11 Ke rata go boka lefoko la Modimo;
ke rata go tumisa lefoko la
Morena.
12 Ke ikanya Modimo ke sa boife.
Kana motho a ka ntirang?
13 Modimo, ke go ikanetse maikano;
ke tla a go dirafaletsa
ka ditlhabelo tsa tebogo.
14 Gonne o golotse bophelo jwa me
mo losong
le dinao tsa me mo go kgotšweng
gore ke tsamae
fa pele ga Modimo
mo leseding la bophelo.