Boikepo jwa motho
1 Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka moopelo wa: “Bolwetse”.
2 Lesilo le bua mo pelong ya lone le
re:
“Modimo ga o yo!”
Ba a senya, ba dira tsa bokgopo
jo bo maila;
ga go ope yo o dirang molemo.
3 Modimo o lebile bana ba batho
o le mo legodimong
gore o bone fa go le mongwe
yo o batlang Modimo.
4 Ba fapogile botlhe,
ba senyega mmogo;
ga go ope yo o dirang molemo,
le e seng a le mongwe fela.
5 A ba ba dirang tshiamololo
ga ba na kitso,
bona ba ba metsang batho ba me
jaaka ba ja senkgwe?
Modimo ga ba o bitse.
6 Fooba tla tshoga
mo go boitshegang;
gonne Modimo
o phatlaladitse marapo
a yo o go dikanyeditseng ka ntwa.
O ba tlhabisitse ditlhong;
gonne Modimo o ba latlhile.
7 E kete pholoso ya Iseraele
e ka bo e tla e e tswang mo Sione!
E ne e tla re Modimo a fetola
tatlhego ya morafe wa gagwe,
Jakobe a duduetse,
Iseraele a itumele.