1 TIMOTHEO 6

Ditshwanelo tsa batlhanka

1 Botlhe ba e leng batlhanka ba ba mo jokweng a ba kaye beng ba bone e le ba ba tshwanetsweng ke tlotlo yotlhe gore go se kgalwe leina la Modimo le thuto.

2 Bone ba ba nang le beng ba ba dumelang a ba se ka ba ba tlhokisa tlotlo, ka e le badumedi-ka-bone, mme a ba ba direle bogolo; ka gonne ba ba amogelang tirelo e e molemo ke badumedi le barategi.

Dilo tseo o di ba rute, o ba laye.

Dikaelo le dikgakololo tse dingwe

3 Fa motho a ruta dilo di sele, mme a sa dumalane le mafoko a a itekanetseng a Morena wa rona Jesu Keresete le thuto ya poifo-Modimo,

4 o ikgogomositse a ntse a sa itse sepe, mme o na le bolwetse jwa dipotsolotso le jwa dikganetsanyo tse di tsalang lefufa le ntwa le dikgalo le dikgopolelo tse di bosula

5 le diphapaang tse di sa feleng tsa batho ba ba senyegileng tlhaloganyo, ba ba amogilweng boammaaruri, ka ba itlhoma poifo-Modimo e le papadi.

6 Papadi e kgolo ke poifo-Modimo e e nang le pelo e e thethebetseng.

7 Gonne ga re a ka ra tsisa sepe mo lefatsheng, mme go bonala gore ga re ka ke ra ntsha sepe mo go lone.

8 Mme fa re na le dijo le diaparo a go re lekane.

9 Ba ba ratang go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosilo tse di senyang, tse di nwetsang batho mo tshenyegong le mo tatlhegong.

10 Gonne bopelotshetlha ke modi wa masula otlhe; e rile batho bangwe ba ineela mo go jona, ba fapoga tumelo, ba itirela matlhoko a mantsi.

11 Mme wena, motho wa Modimo, tshaba dilo tseo! O tsôtelele tshiamo le poifo-Modimo le tumelo le lorato le boitshoko le bopelonolo.

12 Tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo, phamola bophelo jo bo sa khutleng jo o bo bileditsweng, wa ba wa ipolela boipolelo jo bo molemo fa pele ga basupi ba le bantsi.

13 Ke go laya fa pele ga Modimo o o phedisang dilo tsotlhe le fa pele ga Keresete Jesu yo o supileng boipolelo jo bo molemo fa pele ga Pontio Pilato,

14 ka re: Tshegetsa taolo eo ka mokgwa o o se nang sebala le nyatsego go fitlha ponatshegong ya Morena wa rona Jesu Keresete,

15 e e tla bonatsiwang mo metlheng ya teng ke yo e leng Mmusi a le esi wa masego le Kgosi ya dikgosi le Morena wa barena.

16 Ke ene fela yo o nang le bosasweng, yo o agileng mo leseding le le sa ka keng la atamelwa, yo o iseng a ke a bonwe ke motho ope, yo o sa ka keng a bonwa ke ope. Ke ene yo o tshwanetsweng ke tlotlo le puso e e sa khutleng. Amen.

17 Bahumi ba lefatshe leno o ba laye gore ba se ka ba ikgodisa le e seng go ikanya khumo e e se nang tlhomamo, mme a ba solofele mo Modimong o o re abelang dilo tsotlhe ka botlalo gore di re jese monate.

18 O be o ba laye gore ba dire molemo, ba hume ka fa ditirong tse di molemo, ba itumelele go atswa le go abelana,

19 ba be ba iphuthele mahumo a mothao o o siameng wa tse di tlang gore ba tle ba bone botshelo jwa nnete.

20 Timotheo, boloka se o se neilweng, o thibogele dipalabalo tsa boithamako le dikganetsanyo tsa se se bidiwang kitso, etswe e se yona,

21 e bangwe e rileng ba ineetse mo go yona, ba timela ntlheng ya tumelo.

A bopelotlhomogi bo nne le lona!