Sione ke motse wa kgosi e kgolo
1 Pesalome e e leng sefela sa boora Kora.
2 Morenao mogolo,
mme o na le go tlotlwa thata
mo motseng wa Modimo wa rona,
mo thabeng ya ona e e boitshepo.
3 E ntle, thaba ya Sione,
ka go gola ga yone;
e itumelelwa ke lefatshe lotlhe.
Ntlheng ya bokone
go motse wa kgosi e kgolo.
4 Modimo o ikitsisitse
mo matlong a ona a borena,
fa e le ona tshireletso.
5 Gonne, bona,
dikgosi di ne tsa phuthega,
tsa bolola mmogo.
6 E rile di tlhoma di bona,
tsa tlhoka puo,
tsa tshoga, tsa tshaba ka poifo.
7 Thoromo e ne ya di tshwara teng,
le botlhoko jwa di tshwara
jaaka leralalo la mmelegi.
8 O thuba dikepe tsa Tharesise
ka phefo ya botlhabatsatsi.
9 Re bonye mo motseng
waMorenawa masomosomo,
mo motseng wa Modimo wa rona
jaaka re utlwile:
Modimo o tla o tlhomamisa
go ya bosakhutleng. Sela.
10 Modimo,
re gopola bopelotlhomogi jwa gago
mo Tempeleng ya gago.
11 Modimo,
tumiso ya gago e fitlha
kwa mafelelong a lefatshe
fela jaaka leina la gago;
seatla se se jang sa gago
se tletse tshiamo.
12 A thaba ya Sione e itumele,
a bomorwadia Juta ba duduetse
ka ntlha ya dikatlholo tsa gago.
13 Dikologang motse wa Sione,
lo o potologeng,
balang diturio tsa ona.
14 Elang dipota tsa phemelo tsa ona
tlhoko,
ralalang matlo a borena a ona
gore lo tle lo bolelele losika
lo lo tlang lo re:
15 Modimo o ke Modimo wa rona
ka gale le ka bosakhutleng;
o tla re goga go ya losong.