DIPESALOME 46

Modimo ke botshabelo

1 Sefela sa boora Kora se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka lentswe la motenyane.

2 Modimo ke botshabelo jwa rona

le thata ya rona;

o itshupile gantsi

e le thuso mo ditlalelong.

3 Ke gona ka moo re sa boifeng,

le fa lefatshe le ka roroma,

le fa dithaba di ka kgokgoetsegela

mo botennye jwa lewatle;

4 le fa metsi a lone a ka gwasa,

a phoka lefulo,

le fa dithaba di ka roroma

ka go gogomoga ga lone. Sela.

5 Dikelelo tsa noka

di itumedisa motse wa Modimo,

e bong Felo-ga-Boitshepo

a maago a Mogodimodimo.

6 Modimo o mo teng ga ona,

ga o kitla o tshikinyega;

Modimo o a o thusa,

fa bosigo bo sa.

7 Merafe e ne e tsosa moferefere,

magosi a reketla;

wa dumisa maru a ona,

mme lefatshe la roroma.

8 Morenawa masomosomo

o na le rona,

Modimo wa ga Jakobe

ke botshabelo jwa rona. Sela.

9 Tlayang lo lebe ditiro tsaMorena

yo o dirang setlhogo mo lefatsheng;

10 yo o khutlisang dintwa

go ya kwa bokhutlong jwa lefatshe;

yo o robang bora,

a robaganye lerumo,

a fise dikoloi tsa ntwa ka molelo!

11 “Khutlang lo itse,

fa ke le Modimo;

ke mogolo mo merafeng,

ke mogolo mo lefatsheng.”

12 Morenawa masomosomo

o na le rona,

Modimo wa ga Jakobe

ke botshabelo jwa rona. Sela.